Dikgwebo tse dipotlana di tlhama ditiro
26 Feb 2014
Go gola ga dikgwebo tse dipotlana mo lefatsheng leno go supa diphetogo tsa itsholelo jaaka go fokodiwa ga dithoto tse di dirwang ka bontsintsi, le go gola ga ditirelo tse dingwe tse di di ka kgonwang ke bagwebi ba ba botlana.
Mogwebi mongwe yo mmotlana yo o akolang diphetogo tsa go nna jalo ke Mme Gomotsang Jane wa Hukuntsi. Mme yoo wa mogwebi yo o dingwaga di 49 o sale a tlhamile kgwebo ya gagwe e potlana ka lobaka lo lo leele. Ene ga a ise a letle gore o ka tsena mo seemong sa go nna motlhoki a tshela ka mophako.
O ne a ikemisetsa gore ga a kitla a bolawa ke tlala. Legale go ne go se motlhofo fa Mme Jane a simolola kgwebo ya gagwe ka a ne a tshwanelwa ke go rwala kgetsi e tona mo tlhogong a tsena ntlo le ntlwana mo mogoteng le motlhaba wa Kgalagadi tse a neng a tshwanela go di ralala letsatsi le letsatsi gore a atlege.
A re o simolotse ka go rekisetsa mo semausung se se gogwang ka koloi, a rekisa dimonamone le maungo mme lerato la gagwe la kgwebo ke lone le le dirileng gore a gole mo kgwebong le fa go na le dikgoreletsi.
E ne ya re asena go dira semmausu se se gogwang ka lebaka, labofelo Mme Jane a tlhoma semausu sa nakwana fa pele ga marekisetso a Hukuntsi a a bidiwang Kwa-ga-MmaZol.
O boletse gore ka go sena fa bagwebi ba ba botlana ba ka kgobokanelang teng go rekisa mo Hukuntsi o ne a tshwanela go ipha botlhale mme a tlhophe lefelo le le fa bareki ba farakanang teng gore ba reke dithoto tsa gagwe fa ba tswa mo marekisetsong a magolo, go reka dijo kana diaparo.
Mme Jane a re se se simologileng e le go tshaba lehuma go ne ga fetoga kgwebo e tona e e dirang madi a mantsi ka Mme Jane a kgonne go atolosa kgwebo ya gagwe go rekisa dithoto tsa mefutafuta tse di jaaka maungo,motlakase,mangena, ditlolo,airtime le tsone diapparo tota.
Legale o ne a bolela fa a sa itumedisiwe ke go kgokgontshiwa ke badiri ba tiragatso molao ba khansele ba a reng ba a ba tshwenya ebile ba ba tsaya dithoto tsa bone tse ba rekisetsang mo go tsone.
A re tiro ya go nna jalo e ba busetsa kwa morago ka go lekanyetsa dithoto tse a ka di isang kwa marekisetsong.
A re dithototse dipotlana tseo di dira dipoelo tse di nnye. Lefa gone go na le mathata, mme Jane o solofela gore e tlaa re nako nngwe a bo a na le madirelo a a duleng diatla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : HUKUNTSI
Event : Potsolotso
Date : 26 Feb 2014






