Kazungula o mo letshogong la ditau
26 Feb 2014
Matshelo a batho kwa motseng wa Kazungula a mo kotsing jaaka ditau di ronoka mo motseng oo.
Mo nngweng ya ditiragalo go bolelwa fa tau e ne ya bolaya ntsa ya ga Rre Nkgawa Kakana. Rre Kakana a re tau eo e ne ya sala ntsa morago mme ya tsena mo lwapeng la gagwe.
A re sebatana seo se ne sa ralala malwapa a le mmalwa go ya kwa mabitleng, gautshwane le lelwapa la gagwe. O tsweletse a re ka go ne go le lefifi, baagisani ka ene le babereki ba se kae ba Bush Tracks Safari ba ne ba tshuba melolo ntlheng ya kwa go duma ga ditau go neng go utlwala teng thata.
Modiredi wa lephata la diphologolo mo kgaolong eo, Rre Mafoko Kangumu, a re maroo a ne a santse a bonala mo mosong wa letsatsi le le latelang mme ba kgonne go bona gore e ne ele tau e tonanyana.
Rre Kangumu a re maroo a mangwe a ne a bonala mo lefelong leo, se se dirileng gore ba dumele fa e se tau e le nngwe mme e le ditau tse di nang le bana. A re se ke tiragalo ya ntlha ya mofuta o e diragala mo motseng o.
A re o akanyetsa fa ditau tse di tsene mo motseng ka gonne bojang jo bo mo lefelong leo bo ne bo di kgoreleditse go lemoga fa di tsena mo lefelong le go nnang batho.
A re gape go ka tswa go dirwa ke gore motse wa Kazungula o a gola ka jalo o felela o tsena mo lefelong le le nnang diphologolo. Go sireletsa diruiwa mo motseng, morafe o ka koba ditau tse o dirisa dikoloi tsa one kgotsa go di hula ka tlhobolo.
Mongwe wa banni Rre Muti Muti, a re go lebega okare ditau dI santse di ronoka mo motseng segolo thata kwa mabitleng. O supile matshwenyego ka tshireletsego ya bana ba dikole le babereki ba ba nnang mo Kazungula, ba a reng ba tshwanetse ba feta fa mabitleng go ya sekolong le tironmg makuku mo dinakong tse dingwe le bosigo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : KASANE
Event : Potsolotso
Date : 26 Feb 2014






