Breaking News

Bakgatla ba itumelela maduo

26 Feb 2014

Bakgatla ba supile boitumelo morago ga gore sekolo se segolwane sa Molefhi se dire sentle mo maduong a mophato wa botlhano.

E re ka go tsere nako gore sekolo seo se tswe mo seretseng, Bakgatla ba ne ba itumelela maiteko a baithuti ba mophato wa botlhano morago ga gore sekolo seo se tseye maemo a bolesome le boferabobedi go tswa kwa maemong a masome a mararo le bobedi.

Bakgatla ba ne ba supa boitumelo joo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke mothusa tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso Rre Patrick Masimolole, ka Labobedi, kwa kgotleng kgolo ya Bakgatla.

O ne a ba bolelela fa a itumedisiwa ke dikolo dingwe mo Kgatleng tse di dirang sentle ntswa di tlhaelelwa ke ditsompelo. Le fa go ntse jalo, a re o tlhaloganya dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mme ba leka ka bojotlhe go ntsha maduo a a nametsang.

A re o setse a etetse dikole tsa Molefhi, Radikolo le Linchwe mme seemo sa tsone se a nametsa le maduo a tsone ga a maswe mo go kalo. Rre Masimolole o ne a bolelela Bakgatla fa go itumedisa gore sekolo sa Molefhi se bo se kgonne go intsha kwa morago, a tlatsa ka gore seo se supa tlhwaafalo ya baithuti le barutabana go ntsha maduo a a itumedisang.

Mopalamente wa kgaolo ya Kgatleng Botlhaba, Rre Gilbert Mangole, a re o itumetse fela thata gore sekolo seo se bo se kgonne go bona maemo ao, ka go tsere lebaka se ntse se supula mo seretseng.

A re dingwaga tse di fetileng sekolo sa Molefhi se ne se sa kgomege fa go tla mo dithutong mme seemo sa tloga se ketefala, a bua jalo a nyenya ka gore dilo di ntse di a fetoga.

Rre Mangole a re go tsaya maemo a ntlha go a berekelwa, ka batsadi le barutabana ba tshwanetse ba dira mmogo go bona gore maduo a bana a tokafala.

O iteetse baithuti le barutabana legofi ka go dira tiro e ntle eo, a tlatsa ka gore mogolwane wa thuto mo Kgatleng, Sir Wonder Masebola, o na le seabe mo maduong ao. A re e rile fa go twe Sir Wonder o tla mo Kgatleng a iteela kgang eo legofi ka a itse gore fa a tsenang teng go nna le maduo jaaka go setse go diragala jaana.

Mo go tse dingwe, mogolwane wa thuto mo Kgatleng, Sir Wonder, o ne a kopa batsadi go emela dithuto tsa bana ka dinao mme gape ba seka ba ba kganela go dira tiro ya bone ya sekolo.

A re go na le dikgang mo ofising ya gagwe tse mo go tsone bana ba supang fa batsadi ba sa ba thuse ka tiro ya bone ya sekolo, fa bangwe bone ba romiwa dilo tse ba sa tshwanelwang go di romiwa.

A re seo se ntsha bana mo tseleng mme a felele a sa dire sentle kwa sekolong. A re dingwe dilo tse batsadi ba di dirang bana di ka buiwa go sekwa ka e le matlhotlhapelo e bile go senya gotlhelele bokamoso jwa bana. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Booster Mogapi

Location : MOCHUDI

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 26 Feb 2014