Ditsela tsa Kanye di sentswe ke dipula
26 Feb 2014
Makhanselara a kgaolo potlana ya Kanye ba kopile Khansele ya Borwa go potlakela go baakanya ditsela tse di sentsweng ke dipula tse di neleng bosheng.
Makhanselara a buile jalo mo phuthegong ya khansele e e simologileng beke eno. Ba boletse fa ditsela mo Kanye di sa tsamaege gotlhelele mme ba kopa ba lephata la ditsela gore ba eme ka dinao ka gore dikgwebo di eme ka bontsi ka ntlha ya dikgoreletsi mo ditseleng.
Mokhanselara wa Mmatshitswane, Rre Mosimanegape Tshane o buile a sa kgwe mathe fa ditsela tse di mo kgaolong eo di fetogile melapo, e bile metsi a setse a tsenelela batho mo malwapeng.
Rre Tshane o boletse fa metshelakgabo e thibanye mo e bileng e kganela metsi go elela, selo se a tlhalositseng fa se dira matangwana mo ditseleng. O supile fa dikoloi tse di rwalang morafe di sa tlhole di isa bapalami sentle kwa malwapeng ka ntlha ya seemo seo.
Mo go tse dingwe, mokhanselara wa Molapowabojang Rre Nelson Letshabo o boletse fa a tshwenngwa thata ke matlakala a a gasagasaneng le metse ya kgaolo ya Borwa e bile go lebega badiri ba lephata le le maleba ba sa dire mo go lekaneng.
Rre Letshabo o boletse fa matlakala a sa olelwe ka nako mo a felelang a jewa ke leruo le le gobeyang mo metseng.
O kopile khansele gore e fe lephata le le abang diteseletso ( bye-law) dithata tse di gagametseng gore motho ope yo o bonwang a gasagasa matlakala a gagamadiwe phogwana.
O tsweletse gape a ngongorega ka tiriso botlhaswa ya dikoloi tsa khansele tse a tlhalositseng fa di tsamaya gongwe le gongwe mme di se mo tirong.
Mokhanselara wa Mafhikana Mme Gladys Lesang, ene o ngongoregile ka ditirelo tsa Ipelegeng tse di saletseng morago.
A re go tlisa di dirisiwa tsa Ipelegeng morago ga nako go dira gore ditiro tseo di salele morago mo godimo ga moo puso e bo e senyegelwa ke madi ka tiego e e ntseng jalo.
Mme Lesang o ngongoregile gape ka dipone tsa mekgwatha tse di sa berekeng mo kgotleng ya Mafikana, a tlhalosa fa selo seo se baka borukutlhi ka jaana go abo go le lefifi.Le ene fela jaaka makhanselara a mangwe o supile matshwenyego ka mahuti a a mo ditseleng segolo jang mo tseleng ya Tomela mo Kanye.
E ne yare a ntsha la gagwe ,Mme Molly Kgaodi a amogela kago ya mmolo oora-Mongala o o tla bulwang mo Kanye kgwedi e e tlang, mme a ngongoregela gore batlhoki bangwe ba ba thusitsweng ka lenaneo la nyeletso lehuma ba kabo ba abetswe dimausu mo go one gore ba iteke ba itlhotlhore lehuma.
O tlhalositse fa ditsela tsa sekonotere di sa bereke sentle mo gare ga motse, mme a ntsha mogopolo wa gore go dirisiwe ditena. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : KANYE
Event : Phuthego ya khansele
Date : 26 Feb 2014






