Breaking News

Goya o itumelela diphetogo

26 Feb 2014

Mopalamente wa Palapye, Rre Moiseraele Goya, o ne a tsamaisa metshameko ya dikgaolwana ya makgaolakgang a sejana sa lefatshe kwa Palapye, kwa mabaleng a Kidiretswe.

Rre Goya o boletse fa metshameko e e simolotse ka Phukwi, ka ngwaga wa 2008 e bile e simolodisitswe ke tautona wa lefatshe leno, Lt. Gen. Seretse Khama Ian Khama.

Maikaelelo ke go rotloetsa bontsi go tsenelela metshameko e, go leka go godisa bokgoni jwa banana ba lefatshe le mo go tsa metshameko.”

A re maikaelelo a mangwe a lenaneo le ke go fa banana sengwe se ba ka itiyang ka sone fa ba ntse ba batla mebereko, go tila dikgang tse di maswe mo setshabeng jaaka go nwa phetelela, ditagi le bogodu, ele gone go godisa banana mo setshabeng.

Go ka iponela phatlha mo metshamekong e, batho ba tlamega go ikwadisa e le setlhopha, e bile ba le dingwaga tse di sa feteng masome a mane; ba tshwanetse gore a bo e se bana ba dikolo kwa ntlheng fela ga ba Botswana College of Distance Learning (BOCODOL).

Legato la metshameko e le tsaya kgwedi tse nne go tloga fela ka nako ya ikwadiso go ya kwa makgaola kgannyeng mme magoto ka magato a le mararo mo ngwageng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : PALAPYE

Event : Metshameko ya metse

Date : 26 Feb 2014