Breaking News

Tirelo Setshaba e tla amogela ba le 15 000

26 Feb 2014

Lenaneo le le sa tswang go simolodisiwa la Tirelo Setshaba, le le tla a tsenang mo tirisong kgwedi ya Moranang e rogwa, le tla amogela banana ba le 15 000 lefatshe leno ka bophara.

Seo se boletswe ke mothusa mokwaledi mogolo wa lephata la banana, metshameko le ngwao, Rre Jefferson Siamisang, jaaka a ne a buisa makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba mo phuthegong e e tsweletseng ya khansele ka Labobedi, Tlhakole a tlhole masome mabedi le botlhano kwa Masunga.

Rre Siamisang o tlhalositse fa ba amogetse dikopo di le 26 000 go tswa mo dikgaolong tse di farologaneng tsa lefatshe leno,  mme a re dikopo  tseo di tla sekasekwa go lebeletswe ditsetlana  tse di akaretsang dingwaga, thutego ya monana le gore a monana o ka seke a nne le sebaka sa go inaakanya le thulaganyo ya ‘Back to school’ magareng ga tse dingwe.

A re lenaneo le le simolodisitswe ka maikaelelo a go leka go ntsha banana mo ditirong tse di sa itsagaleng, ka e le bone thata ba amiwang ke manokonoko a mathata  a letlhoko la mebereko le  lehuma.

O tsweletse a re seo ke sone se se neng sa gwetlha boeteledipele jwa lefatshe leno go tsaya tshwetso  ya go simolodisa thulaganyo eo gore banana ba name ba na le  gongwe fa ba tshwereng teng, go santse go itebagantswe le go batla ditsela tsa go tlhama mebereko.

Rre Siamisang a re seo gape se tla fa banana sebaka sa go tsaya botsipa le go kgobokanya kitso ya go dira, gore e re ba bona ditiro ba bo ba tsepame sentle.

A  re madi a ba tla bong ba a fiwa ga se dituelo, mme ke dikatso tsa go leka go ba thusa go ithekela meloranyana le tse dingwe tsa itshetso.

O tsweletse a re banana ba ba tla bong ba atlegile ba tla isiwa mo maphateng a a farologaneng, ka jalo a kopa bodiredi jwa maphata a a tla amogelang bana bao, go ba tlhoma leitlho le go ba ruta tiro go na le go ba tsaya jaaka bodiredi jwa dituelo tse di kwa tlase (cheap labour).

Mothusa mokwaledi o ne a bo a itsese makhanselara fa lefatshe leno le tla bo le tshegeditse metshameko ya bobedi ya African Youth Games monongwaga ka kgwedi ya Motsheganong e le masome a mabedi le bobedi go fitlha e le masome a mararo le bongwe, ka moo a ba gwetlha go itsise banni ba dikgaolwana tsa bone le go thusa ka gotlhe mo ba ka go kgonang.

Rre Siamisang o  tlhalositse fa dithulaganyo  tsa go baakanyetsa metshameko eo, di tsweletse sentle . O supile fa  mafatshe a  Aferika a le masome a matlhano le bone a tla  a tsaya karolo mo go yone.

Rre Siamisang o tlhalositse fa  bodiredi jwa  lephata la gagwe bo tla okediwa go simolola  Moranang a tlhola letsatsi, mme makhanselara  ba opela seo legofi.

Fa ba tswa la bone, makhanselara a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba ne ba re le ntswa ba itumelela tshimolodiso ya thulaganyo eo, fela ba ngongoregela dikatso tsa yone, tse ba tlhalositseng fa di le kwa tlase fela thata.

Ba ne gape ba supa fa ba le sebete se molangwana mabapi le ntlha ya gore banana ba ba ka sekeng ba wetsa dikgwedi tse di lesome le bobedi  ba le mo tirong, ga ba na go fiwa ma P200 a go tweng ba a bolokelwa  kgwedi le kgwedi, ba re bone ba bona go le botoka mongwe le mongwe a ka fiwa bonyenyane jwa gagwe jwa dikgwedi  tse a tla bong a di berekile.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Makaleng Rre Damien Thapa,a re bogolo go tshwanetse ga lebelelwa mabaka a a tla bong a patika monana go tlogela tiro pele a wetsa dikgwedi tseo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Phuthego ya khansele

Date : 26 Feb 2014