Batsadi ba kopiwa go nna le seabe mo thutong
26 Feb 2014
Mothusa Tona wa Thuto le Tlhabololo Dikitso, Rre Patrick Masimolole, o kopile batsadi go nna le seabe mo dithutong tsa bana gore maduo a bone a tle a tokafale.
Mothusa tona o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Mochudi, bosheng, a kopa batsadi go ema ka dinao go pataganela thuto ya bana le barutabana ka ele bokamoso jwa bone.
Rre Masimolole a re dingwaga tse tharo go ya kwa go tse nne tse di fetileng, maduo a ditlhatlhobo a ntse a wela tlase mme puso e tsere tswetso ya go bua le batsadi go thusa go rarabolola bothata jo. A re potso e tona ke gore matsapa di a tsaya kae fa maduo a tsweletse ka go wela tlase jaana.
Rre Masimolole a re e sale ka ngwaga wa 2011 fa badirela puso ba ngadile tiro, bana ba mophato wa boraro ba ne ba seka ba dira sentle, ka ba sa bona motheo o o lolameng go ka itshetlela mo dithutong tsa bone.
Le fa go ntse jalo, a re batsadi ba maoto a tshupa mo dithutong tsa bana ba bone mme a supa gore go tlhoka go tsenya letsogo moo go baka ditlamorago tse di sa jeseng diwelang.
Mothusa tona o ne a tlatsa ka gore fa batsadi ba ikgatholosa thuto ya bana ba bone, go ya go folodisa maiteko a barutabana, ka jaana batsadi ba tshwanetse ba dira mmogo le sekolo go lekola dithuto tsa bana ba bone.
A re ele ba lephata la thuto, ba dumela gore ngwana o ka dira sentle fa dithuto tsa gagwe di pataganetswe ke batsadi le barutabana.
Rre Masimolole a re ba tshwentswe ke gore batsadi ga ba etele dikole go lekola tiro ya bana e bile ga ba tsenelele diphuthego tsa batsadi le barutabana, kwa go buiwang ka tse di amang bana ba bone mo dithutong.
A re bana ba sekolo ba tsweletse ka go nwa bojalwa le go dirisa ditagi mme seo se ama dithuto tsa bone, ka jalo a kopa batsadi go tlhokomela bana le go emisa go ba rekisetsa dilo tse di ka ba senyetsang bokamoso.
Masimolole a re gore kgang e e kgonege, ke gore batsadi ba tshwaragane le barutabana mme seo se tla thusa thata go lemoga ka bonako bana ba ba sa direng sentle mme ba bone dithuso ka bonako.
Ere dikgang di eme jalo, mothusa tona o ne a lemotsha Bakgatla gore lephata la thuto le lone le lebaganwe ke dikgwetlho jaaka tlhaelo ya bodiredi, e e pateletsang gore bana ba nne palo e e fetileng e morutabana a tshwanetseng go e ruta.
A re se ke sengwe sa dilo tse di ka kgoreletsang barutabana go ntsha maduo a a nametsang.
Masimolole a re diletso tse di lelang phetela go sena tshaile le go rekisetsa bana dino le ditagi le o ne maitiso a a tsamaiwang ke bana, di ama bokgoni jwa ngwana kwa sekolong, ka jaana ga a nne le nako ya go ithuta le go bala dibuka tsa sekolo.
E rile batsadi ba mo kgwa dikgaba ba supa fa go emisiwa go otlhaya bana ka thupa e le gone go dirileng mathata ka bana ba malatsi ano ba sena botho e bile ba itse dithswanelo tsa bone phetelela.
Ba re megala ya letheka le yone e diya bana go tlhwaafalela dithuto tsa bone, ka ba dirisa megala eo le ka nako ya dithuto.
Rre Khondolo Lebekwe a re o kopa puso go emisa go isa bana ba ba sa dirang sentle kwa mophatong wa bone ka jaana ba sa ye go dira sentle mme bogolo ba boelele dithuto tseo go tokafatsa maduo a bone.
E rile a araba, Rre Masimolole a lemotsha batsadi fa go sena ope yo kileng a kganela bana go otlhaiwa mme fela go tshwanetse ga salwa tsamaiso morago go sireletsa bana mo go betsweng go sena kelelelo.
O lemotshitse batsadi gape fa ele bone ba rekelang bana ba bone megala ya letheka, le gone gore seo se kgobera se ba se senya bokamoso jwa ngwana ka a tla fetwa ke dithuto a diilwe ke mogalo kwa sekolong.
O ne a kopa batsadi go rekegela thuto ya bana ka e le bone baeteledipele ba kamoso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : MOCHUDI
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 26 Feb 2014






