Ba rutiwa go bopa ka letsopa
26 Feb 2014
Rre Shakani Thani wa lephata la dikgolegelo mo Serowe, a re o lebogela komiti ya ditlhabololo tsa motse ya kgotla ya Radihemelo kwa Serowe, gore ba bo ba bone go le maleba go rutuntsha banni go bopa ka letsopa.
Rre Thani o buile seo ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola masome mabedi le botlhano fa a ne a bula semmuso dithutuntsho tsa malatsi a le lesome, di rulagantswe ke komiti ya kgotla eo. Dithuto tseo, tse di tshwaretsweng gone mo kgotleng ya Radihemelo di tseneletswe ke banni bale lesome le bobedi go tswa mo kgotleng eo.
Rre Thani a re bogologolo batho ba ne ba tswa kwa mafatsheng a sele ba tla go tsaya mmu o o bopang ka ba ne ba bona Batswana ba sena tiriso ya one mme ka jalo o leboga boetedipele jwa Radihemelo gore ba bo ba na le tebelopele.
O gakolotse baithuti go dira tiro ya bone ka matsetseleko eseng fela gore ba tle go itlosa bodutu kgotsa go tsamaisa nako fela. O ba gakolotse gape gore mo kgwebong ba ya go kopana le dikgwetlho mme ba seka ba itlhoboga go fitlhela ba diragatsa maikaelelo a bone.
O ba tlhaloseditse gore ba tshwanetse go ipotsa gore ke eng ba tlhophilwe ba le lesome le bobedi fa gare ga bontsi jwa batho jo bo kana. A tlatsa ka gore ba tshwanetse ba ipolelela gore ga ba na go swabisa ba ba ba tlhophileng ka ba bone sengwe mo go bone.
Rre Thani o ne a abela komiti makgolo a mabedi a dipula. E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa komiti ya Radihemelo, Rre Topo Radisigo a tlhalosa fa maikaelelo le maitlamo a bone e le go leka go boloka dikitso tsa ngwao ka e le selo sa gale le gone go oketsa tiriso ya letsopa ka go nyalana le ga segompieno.
Rre Radisigo a re setlhogo se ba remeletseng mo go sone e le ba komiti ya Radihemelo ke, ‘Seabe sa Radihemelo VDC mo maitekong a go nyeletsa lehuma’.
A re ba batla go nonotsha baithuti ka kitso gore ba tle ba kgone go itlhamela ditiro le gone go fetisetsa kitso kwa go ba bangwe. Dithuto tse di rulagantswe ke komiti ya Radihemelo mme ba lephata la tsa botaki, bodiragatsi le ngwao ba ba abela P49 000.
Radihemelo ke kgotla e e dirwang ke dikgotlana tse nne tsa Makolo, Motshwana, Seiswane le Phokela mo Serowe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Otshidile Kebalemoge
Location : SEROWE
Event : Pulo semmuso ya dithutuntso
Date : 26 Feb 2014






