Ditshupo o phophoma ka boitumelo
26 Feb 2014
Motshameka legare wa Township Rollers, Maano Ditshupo, o tshephisitse go ntsha ga tshwene kwa makgaola kgannyeng a sejana sa Tse Ditona (Mascom Top 8) ka bosigo jwa Matlhatso.
Ditshupo o buile se morago ga tshwetso e e neng ya tsewa, gore o tlaa kgona go tshameka mo makgaola kgannyeng a Mascom Top 8, fa karata e khibidu e a neng a e fiwa ka mafelo a beke e e fetileng e ne ya boelwa morago.
Barati le barotloetsi ba setlhopha sa Township Rollers ba ne ba tuka ka la Tshipi, morago ga motshameko wa bone wa liki ya beMobile le UF Santos.
Motsamaisa motshameko, Rre Gaontebele Malete, o ne a tlhaba Ditshupo ka karata e khibidu morago ga go tshameka Tlotlo Leeto wa UF Santos makgwakgwa, mo go rayang gore Ditshupo o ne a ka se kgone go tshameka mo makgaola kgannyeng a Mascom Top 8 ka Matlhatso.
Bontsi bo ne bo dumela gore motshameki yo o ne a sa lebaganwa ke karata e khibidu, ka e bile karata e e serolowana e ne e le ya gagwe ya ntlha. Bogogi jwa liki bo ne jwa kopana moragonyana go boela tshwetso eo morago.
Moakamedi wa liki e tona mo Botswana, Bennett Mamelodi, o ne a tlhalosa fa ba tsere tshwetso ya go sutlha karata eo e khibidu morago ga gore motsamaisa motshameko a ipone molato.
“Morago ga ditlhotlhomiso le ditshekatsheko tse di tseneletseng tsa dipego tsa motshameko oo, re ne ra tsaya tshwetso ya go sutlha karata ya ga Ditshupo, e khibidu”, ga bua jalo Mamelodi.
Mamelodi o tlhalositse fa liki e tona e sena komiti ya batsamaisa metshameko, e e kanokang metshameko fa e sena go wela, mme fela e na le dithata tsa go kopana mo mabakeng a a thata.
A re Malete o dirile phoso go fa Ditshupo karata e khibidu. Morago ga go tshameka Tlotlo Leeto makgwakgwa, motsamaisa motshameko o ne a tlhaba Ditshupo ka karata e e serolwana, le e khibidu ka tatelano.
“Motsamaisa motshameki o ne a tseetse gore ke karata ya bobedi e e serolwana ya motshameki yo, ke ka moo a neng a boa a mo tlhaba ka e khibidu”, ga bua jalo Mamelodi.
Mo potsolotsong e nngwe, Ditshupo o ne a leboga thata botsamaisi jwa liki e tona go bo ba boetse tshwetso eo ya karata e khibidu ka morago, mme a tshephisa go dira go tlala ka diatla ka nako ya motshameko wa makgaola kgang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Dikgang tsa kgwele ya dinao
Date : 26 Feb 2014






