Re a-nyalana e atlegile kwa kgaolong ya Ghanzi
25 Feb 2014
Makhanselara a khansele ya Ghanzi a rotloeditswe go tsenya letsogo mo lenaneong la re a-nyalana gore le tswelele ka go atlega.
Fa a bua le makhanselara a khansele ya Ghanzi ka Mosupologo, Tlhakole a tlhola masome mabedi le bone, molaodi wa Ghanzi Mme Tshepiso Leepo a re moono mogolo wa lenaneo la re a-nyalana ke go rotloetsa batho gore ba nyalane, e bile bone e le ba ga molaodi ba kgatlhegela thata ditshwanelo tsa batho ka a re bontsi jwa nako baratani ba babalelwa ke diemo tse o fitlhelanag ba ne ba nna mmogo ba kokotletsa mmogo,mme e re kwa morago fa mongwe wa bobedi joo a tlhokafala ba gabone moswi ba tle go amoga yo o salang dithoto
Mma Leepo a re ba sala tsamaiso ya lenyalo morago. A re maina a pegiwa kwa ga molaodi fela jaaka e le molao wa lenyalo,a re ba sidila banyalani ba lenaneo la bone maikutlo gore ba ba tlhalosetse sentle gore fa ba tsena mo lenyalong jaana go raya eng.
A re mo tikologong ya ntlha ya Re a-nyalana ba nyadisitse dinyalo di le 22 fa tse di lesome le boraro e le tsa Ghanzi mme tse di ferangbongwe di tswa New Xade. Selo se a reng se a nametsa mme a kopa makhanselara gore a rotloetse batho go ikwadisa mo lenaneong le.
Mongwe wa bagolwane mo lenaneong le, Mme Dineo Swartz o ne a tlatsa mafoko a ga molaodi a tlhalosa gore lenyalo le ke la mongwe le mongwe ga se la batho ba ba humanegileng fela ke la mongwe le mongwe yo o batlang go tsena mo go lone mme a setse tsamaiso morago.
Mme Swartz a re mo diemong tse dingwe ba kopana le batho ba re batsadi ba bone ke bone ba ba diileng go nyalana ka ba re ga ba batle ngwana wa bone a nyala kana a nyalwa ke motho wa letso le le rileng, mme a re motho wa go nna jalo o a akarediwa mo lenaneong mme go buisanngwe le botsadi pele.
Mme Swartz a re tota bone ba kgatlhanong le bonyatsi ka a re le fa e le mo lefokong la Modimo bonyatsi ke boleo, ke ka moo ba rotloetsng lenaneo le gore batho ba tswe mo bonyatsing. Fa a araba kgang ya magadi Mma Leepo a Re a-nyalana e setse morago tsamaiso ya lenyalo la sekgoa fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Omogolo Hans
Location : GHANZI
Event : Phuthego ya khansele
Date : 25 Feb 2014






