Breaking News

Balemi-barui ba rotloediwa go tlhatlhoba metsi le mmu

25 Feb 2014

Balemi–barui, bora-dikgwebo le  makalana a a farologaneng ba rotloeditswe go dira tlhatlhobo ya metsi le mmu mo tikologong e ba nnang mo go yone kgotsa ba gwebang mo go yone.

Thotloetso eo, e dirilwe ke modiri go tswa kwa komponeng  ya Betach e e itebagantseng le tlhatlhobo ya mebu le metsi  Rre Themba Amos, kwa letsatsing la pitso ya bagwebi le le neng le rulagantswe ke ba lekalana la Local Enterprise Authority kwa Masunga bosheng

Fa a bua  mo potsolosong le BOPA, Rre Amos a re motho mongwe le mongwe  fela yo o ka tswang a na le keletso ya go simolola kgwebo kgotsa a batla go inaakanya le temo-thuo, o tshwanetse a simolola pele ka go dira ditlhatlhobo go bona gore a mmu le metsi di ka amogela se a batlang go se dira.

O gakolotse  balemi segolo bogolo go nna e re pele ba simolola go lema, ba bo ba dira tlhatlhobo ya mebu ya masimo a bone go tlhomamisa gore  mmu o santse o le mo seemong se se siametseng dijalo le gore o siametse dijalo dife . A  re seo se ka dira gore  ba kgone go ntsha dijalo tse di nametsa ng e bile di le  dintle.

Rre Amos o tsweletse a rotloetsa barui go dira tlhatlhobo ya metsi a didiba tsa meraka ya bone go tlhomamisa gore a  siametse go nowa ke leruo . A  re fa batho ba ka inaakanya le mokgwa oo, go ka ba thusa gore ba nne le dipoelo tse di botoka, ka jaana bone e le ba Betach fa ba dirile tlhatlhobo, mme ba fitlhela go na le sengwe se se ka folodisang se motho a lekang go inaakanya le sone, ba gakolola motho ka tse a ka di dirisang go leka go busetsa seemo mannong.

O tlhalositse fa kompone ya bone e ikemiseditse go thusa ope yo o tla bong a na le keletso ya go kopa thuso kwa go bone, a tlhalosa fa ba tlhatlhobela batho metsi le mebu mme ba go lopa dituelo tse di simololang ka P480 go ya kwa godimo. Rre Amos a re tlhwatlhwa e laolwa  ke tlhatlhobo e motho a e tlhokang mo mmung kgotsa metsing a gagwe.

Rre Amos o tsweletse a tlhalosa fa kompone ya bone , e simolotse go dira ka  2008 mme e na le makalana a le mararo mo lefatsheng leno  a a leng kwa Gaborone, Letlhakane le Francistown.A re ba dirisana le ba LEA ka jaana ba nna ba romela batho kwa go bone faba  batla go bula dikgwebo.

Fa a tswa la gagwe, modiri go tswa mo lekalaneng la LEA mo Masunga, Rre Tefo Malakia o  tlhalositse fa go bulwa ga kompone ya Betach mo Francistown go tla thusa banni ba tikologo eo ka jaana ba ne ba kokonelwa ke mosepele wa go e latela kwa Gaborone, mme gape go bo go nna le tiego ya go bona maduo. BOKHUTLO    

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : MASUNGA

Event : Potsolotso

Date : 25 Feb 2014