Breaking News

Lephata le lwantsha ntsi ya maungo

25 Feb 2014

Pego e e tswang kwa  lephateng la temo-thuo e bolela fa lekgotla la dijo la mafatshefatshe, FAO, le ntshitse  P1 960 617  go thusa mo go lwantsheng ntsi  ya maungo mo lefatsheng leno.

Lephata la re se se tla morago ga go tlhagoga ga ntsi ya maungo mme  go laola ntsi  go tla dirwa kwa kgaolong ya Chobe le mafelo a mangwe mo lefatsheng leno.

Pego e tswelela  e re go supa fa lephata le itlamile go laola ntsi e ,  go  setse go  tlhophilwe   motho yo o tla etelelang  pele  lenaneo le.  Pego ya re  Mothusa  Mookamedi  Mme Fatima Makgethe a re  ntsi e ya maungo  e tsena maungo a a farologaneng a akaretsa mango,lesika lwa namune, le maungo a mangwe a naga.

Mme Makgethe  a re ntsi e ya maungo e bonwe lantlha kwa kgaolong ya Chobe ka 2010, mme ka 2013 ya bonwa kwa dikgaolong tsa  Legare gammogo le Bokone  Botlhaba. Ntsi e ,e bonwe gape  mo mafatsheng a bapileng le Botswana a akaretsa Namibia, Zimbabwe le Zambia.

Pego e tswelela e re  ka ntlha ya tlhaelo ya madi , mafatshe otlhe a a amegileng a ne a kopana,  a tswa ka  megopolo ya go  laola ntsi e, ba e bitsa BONAZAZI mme ba kopa dithuso mo lekgotleng la mafatshefatshe la dijo, FAO.

Moemedi wa lekgotla la mafatshefatshe la dijo mo Botswana  Rre David Thibe   a re BONAZAZI  e dumalane le go lwantsha  ntsi e ka go nna le lenaneo le le akaretsang  kgaolo  yotlhe. Lekgotla le, le gakolotse gore lefatshe lengwe le lengwe mo kgaolong  le dire  kopo e e le  lebaneng .

Pego e tswelela e re lenaneo  la kgaolo  la BONAZAZI  le lone le amogetswe mme la rotloediwa ka  P3 974 950 yo o emetsweng go dumelanwa ke SADC. Rre Thibe a re lenaneo le le  solofetswe go tokafatsa papadisano le go tsisa dijo tse lekaneng mo mafatsheng a. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE-

Event : Pego ya themo-thuo

Date : 25 Feb 2014