JAB e ruta banana ka kgwebo
25 Feb 2014
Batsadi ba gakolotswe go rotloetsa bana ba bone go inaakanya le lekgotla la Junior Achievement Botswana (JAB).
E rile a buwa mo potsolotsong kwa kopanong ya go rutana ga maloko ao kwa Serowe, mookamedi mo lekalaneng la dithulaganyo tsa lekgotla leo Mme Onthatile Modise a re gore baithuti ba dire sentle mo dithutong, batsadi ba tshwanetse ba nna le seabe mo dithutong tsa bana ba bone mme ba ba kaelee ka fa ba ka ithutang ka teng.
Mme Modise a re batsadi bangwe ba tsaya gore mokgatlho wa JAB ke go senya nako fela le ntswa tota e ruta baithuti go ba baakanyetsa fa ba setse ba ldule mo sekoleng mme ba lebaganye le botshelo kwa ntle ga sekolo.O boletse gore mokgatlho oo o ruta bana go nna le boikarabelo ba santse ba le bannye mme ka jalo go ba thuse go farologanya molemo le bosula ba santse ba le bannye.
O tlhalositse gore JAB e naya banana boitemogelo ja go atlega mo botshelong ka go inaakanya le kgwebo,go ipaakanyetsa tiro le go rutwa ka tsamaiso ya madi. Ka jalo JAB e tsenya mowa wa wa bonatla go gweba le go ipelelga.Mme Modise a re maikaelelo a magolo ke go rotloetsa banana go tsaya kgwebo ka tlhwwafalo go tlhabolola seemo sa botshelo jwa bone le malwapa a bone le lefatshe ka kakaretso.
Lefa go ntse jalo o boletse fa dikopano tsa go nna jaana di tshwarwa ngwaga le ngwaga mme fa esale ba simolola thulaganyo ya go nna jaana, baithuti ba le bantsi ba supile kgatlhego ka jaana ngwaga le ngwaga baithutoi ba tla ka dipalo tse di kwa godimo.
O boletse gore baithuti ba ba neng ba le koo ba tswa kwa dikgaolong tsa Mahalapye, Boteti, Palapye le Maun, mme baithuti ba ne ba phadisanya ka go rararbolola mathata a ba a lebisitsweng. Kopano eo e ne e le matlhagoleltsela tsela a kopano ya setshaba e e tlaa tshwarwang kwa Palapye Mopitlo a tlhola maltsi a robabobedi.E rile a ntsha la gagwe, modulasetilo wa JAB mo kagaolong ya Palapye
Rre Modiri Mosiko a re dikopano tsa go nna jaana di thusa baithuti go dirisanya le ba bangwe le go rarabolola mathata.Rre Mosiko a re dikopano tsa JAB di siametse go ruta le go tiisa moko baithuti go dira kgwebo mo dithutong tsa bone.
O boletse gore dikopano tsa go nna jaana di na le maduo go tsenya banana mo dikgebong tsa segompieno tse di nang le boranyane jo bokwa godimo, selo se gantsi se sa dirweng kwa sekolong.O tlhalositse gore fa dithuto tse di wela, baithuti ba a bo ba na le kitso ka se se diragalang kwa ditirong ebile ba bapetse sengwe ka kgwebo ka gore ba a boba ithuta ka go dira. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 25 Feb 2014






