Monna o tla a kiba dingwaga tse thataro
25 Feb 2014
Monna mongwe wa dingwaga tse di masome a mabedi le bongwe wa Moshupa o atlholetswe dingwaga tse thataro mo kgolegelong, ka molato wa go itseela dikobo ka dikgoka mo mosetsaneng mongwe wa Kanye.
Rre yoo, ebong Obusitswe Molemi, go begwa fa a dirile molato oo a le dingwaga tse di lesome le borobabongwe, ka ngwaga wa 2012.
Makaseterata wa Kanye, Mme Janet Phosa, a re Molemi o ne a sena mautlwelobotlhoko fa a thubetsa mosetsana yoo ka ebile a ne a dirisa dikgoka.
Mme Phosa o ne a tlhalosa fa a tsere tshwetso eo a lebeletse gore ke lantlha Molemi a dira molato le gore ke monana. Gape o tlhalositse fa molato oo ole masisi, o tshwenya, ebile o baya bomme ka fa mosing. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leteng Nokwane
Location : KANYE
Event : Tsheko
Date : 25 Feb 2014






