Breaking News

Ozoo o lela ka bogodu jwa leruo

25 Feb 2014

Kgosi Malepe Ozoo wa Nokaneng a re o tshwenngwa ke bogodu jwa leruo mo motseng wa gagwe.

O buile se fa a ne a amogela Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo ya Magae, Rre Olebile Gaborone, bosheng. Kgosi Ozoo a re o kopa gore molao wa bogodu jwa leruo o gagamadiwe fela thata.

A re ba ba atlholetsweng melato e, ba tshwanetse go otlhaiwa ka dithupa tse dintsi ka a dumela ba ka seke ba tlhole ba ipoeletsa go utswa gape.

Kgosi a re dikgomo di utswiwa ke banana ba one motse oo, mme a supa fa a tlhobaetswa  ke se, ka banana e le bone baemedi ba kamoso.

E ne yare a tswelela, a tsibosa mothusa tona ka selelo sa bone sa kgale, sa thekiso ya dikgomo mme e le morafe, ba ne ba kopa gore puso e ba akanyetse gore ba kgone go itshetsa.

O tsweletse ka go tlhalosa gore go bo dikgomo di sa rekwe go tsisa morwalo o montsi mo go goromente, mme fa batho bane ba thusitswe ka thekiso ya dikgomo ba ka bo ba kgona go itshetsa, ba sa lebelele fela mo pusong.

Kgosi Ozoo a re go ikaega ka puso le gone ga go a siama ka go diga puso.

E rile a akgela mo mafokong a ga kgosi, mothusa tona, Rre Gaborone, a tlhalosa fa go ngomola pelo go utlwa go twe bana ba ba mo motseng, e bile e le banana, ke bone ba dirang bogodu jo jwa leruo.

O kopile batsadi go bona gore ba tsaya boikarabelo jwa go kgalema kwa malwapeng, ka a dumela ntwa e e ka rarabololwa ke bone. Mothusa tona o rurifaleditse kgosi gore selelo sa gagwe sa kotlhao o tlaa se tsaya mofago mme ba se sekeseke e le puso. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bakang Segokgo

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Feb 2014