Breaking News

Ba Qangwa ba batla koloi

25 Feb 2014

Banni ba Qangwa ba gwetlhile lephata la botsogo go neela kokelwana ya bone koloi gore e kgone go thusa balwetse.

E rile ba bua mo phuthegong ya kgotla e buisiwa ke mopalamente wa bone, Rre Taolo Habano, ba re mo nakong eno kokelwana ya bone ga e na koloi fa ese go adima fela kwa kokelong ya Gumare ka nako tsa tshoganetso; sekgala sa dikhilomithara tse di fetang lekgolo le masome a matlhano.

Mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse, Rre Kutakohungu Korujezu, yo oneng a bua mo boemong jwa morafe, a re fa go na le balwetse ba tshoganetso, badiri ba kokelwana eo ke gone ba tshwarang ba kokelo ya Gumare go adima koloi mme go beye balwetse ka fa mosing. 

A re ere ka motse wa bone e le mongwe wa e e kgakala le ditlamelo, o tshwanetse go fiwa thuso ya potlako, jaaka go neelwa koloi, go emisetsa ya bone e saleng e sule, gore go thusiwe balwetse.

Rre Korujezu a re ka ntata ya letlhoko la koloi, baoki ga ba kgone go ya go lekola balwetse ba metsana e e mo tikologong ya Qangwa, go akarediwa Dobe, Baate, Qhooshe, le Xhubi, go ba isetsa ditlamelo, mme boemong jwa seo, balwetse ba ba patelesega go tsamaya sekgala se se leele go latela ba bongaka, fa balwetse ba ba sa kgoneng ba felela ba itlhoboga.

Mothusa modulasetilo gape o ngongoregetse boseyong jwa sefetlha motlakase kwa kokelwaneng ya bone se se saleng se sule ngwaga tse di fetileng, seemo se se pateletsang gore bomme ba ba itsholofetseng fa ba le mo ditlhabing bogolo jang mo bosigong ba kopelwe koloi kwa Gumare go ya go belegela teng ka go sena motlakase.

A re seemo seo se a tshwenya ka gore se ba tsenya mo diphatseng tsa go tsamaya loeto lo lo leele go latela motlakase kwa Gumare, ntlheng e nngwe ba le mo ditlhabing le gone go tsenya baoki le mokgweetsi mo pitlaganong ya go tsamaya kgapetsa-kgapetsa ba isa balwetse le baimana kwa Gumare.

Banni ba bile ba ngongoregela seemo se se maswe sa tsela ya Qangwa/Nokaneng, se se ba boletseng fa se baka dintsho tsa batho le tshenyo e kgolo mo dikoloing tsa bone.

Banni bao ba ba neng ba jele magala, ba tlhalositse gore le fa puso e ntsheditse tsela eo madi gore e baakanngwe, ga go sepe se se dirwang ka gore kompone e e filweng tiro ya go e baakanya go lebega e paletswe, ka e tshela mmu wa seolo mo tseleng go nale go tshela lekgwarapana.

Mongwe wa dibui, Rre Elias Ketjimambo, yo gape eneng ele mokhanselara wa Qangwa wa pele, o supile ka monwana bodirela puso jo bo filweng marapo a go baya leitlho tiro ya go agiwa ga tsela eo gore ba kgone go fa bogakolodi jo bo rileng fa go tlhokafalang teng.

“Ke sale ke gakolotse bodiredi ke sa ntse ke le mokhanselara wa kgaolo, go tsaya lekgwarapana kwa ntle ga kgaolo ya Nhabe ka gore mo gae ga gona mmu o o siametseng kago ya ditsela mme ga seka ga tsewa tsia bogakolodi jwa me go fitlhelela ke tswa mo setilolng, mme jaanong bonang gore P3.6 Million yo o ntshitsweng ke puso go baakanya tsela eo ke mokang a wetse mo motlhobodikeng,”  ga bua jalo Rre Ketjimambo.

Rre Isaiah Tobego a re ka ntata ya bomaswe jwa tsela, motse wa bone ga o tlhabologe ka boradikgwebo ba tshaba go tla go bula dikgwebo mo motsaneng wa bone fa bangwe ba ba kgonneng ba ba rekisetsa ka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo.

Banni ba ne gape ba kopa gore go okediwe palo ya badiri ba lenaneo la Ipelegeng, ba metsana ya Qhooshe, Baate, Xhubi, Magopa, le Lebala go tswa mo go lesome le bongwe go ya go masome a mabedi le bobedi, gore bontsi bo kgone go oba letsogo ka go sena ditiro, fa ese go ikaega fela ka lenaneo leo go inamola mo lehumeng.

Banni ba bile gape ba ngongoregela badiri ba lephata la diphologolo ka go diegela go tla go ba thusa fa leruo la bone le bolailwe ke diphologolo tsa naga kana masimo a bone a amilwe ke diphologolo tseo.

Ba kgwetse botlhoko boradikoloi tsa megobagoba ba baneng ba ba pegela dikgomo go di isa kwa matlhabelong a BMC, ba re ba ne ba ba  lopa P750.00 tlhogo ya kgomo ka seipato sa gore tsela ya bone e maswe. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 25 Feb 2014