Thutuntsho ya ikwadisetso ditlhopho e botlhokwa
11 Feb 2013
Komiti e e tlhokomelang tsamaiso ya ditlhopho tsa setshaba kwa kgaolong ya Palapye le Tswapong bokone, e kgothaditswe go nonotsha ikwadisetso ditlhopho tse di tlang ka go batla methale e e nonofileng ya go gasa molaetsa wa ditlhopho .
Ba kgothaditswe ke mogolwane mo ofising ya ditlhopho kwa Palapye, Rre Leboneng Maifala bosheng mo dithuto puisanyong tse di neng di rulaganyeditswe go tlhatlhelela komiti eo kwa Palapye.
O ne a ba bolelela gore ditshekatsheko tsa ofisi ya gagwe mo dikgaolong tsoo-pedi di supa gore molaetsa wa go ikwadisetsa ditlhopho ga o goroge sentle kwa bathong. A re mo dipatlisisong tsa bone, go supegile gore banana ke bone ba ba di gogang kwa tlhogong mo go itlhokomoloseng go ikwadisetsa ditlhopho.
O ne a ikuela mo komiting gore e gase molaetsa ka mashetla mo setshabeng ka kakaretso le gore ba batle ditsela tse di ka ba tswelang mosola.
Rre Maifala o boletse gore ka tlwaelo go ntse go dirisiwa ditante go nna matlhophelo, mme jaanong go ya go dirisiwa dikereke le dikole. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Selinah Samson
Location : PALAPYE
Event : Thuto puisanyo
Date : 11 Feb 2013






