Kgwebo e tlhoka bopelotelele
24 Feb 2014
E rile bosheng, ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) ba Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, ba bo ba rulagantse letsatsi la pitso ya bagwebi le ipapatso le le neng le tshwaretswe kwa motseng oo.
Mo potsolotsong le lekalana la dikgang la BOPA, beng ba dikgwebo ba ba neng ba akaretsa ba kgaolo ya Bokone Botlhaba le tikologo mmogo le kgaolo potlana ya Tutume, ba ne ba kaya fa letsatsi leo le le botlhokwa thata mo go bone ka le ba fa sebaka sa go kopana ba neelana maele a ka fa ba ka tsamaisang dikgwebo tsa bone ka teng le go utlwa dikgwetlho tse bangwe le bangwe ba kopanang natso mo dikgwebong tsa bone le gone gore ba kgona jang go itepatepanya le tsone.
Ba re sengwe se se itumedisang ka letsatsi leo ke go bo ba kgona go tsaya malebela mo go ba bangwe mo dilong tse di farologaneng jaaka go baya ditlhwatlhwa tsa dithotho tsa bone, ba tlatsa ka gore gape bagwebi ba tswa foo ba rekisitse dithoto tsa bone e bile ba bone bareki ba basha.
Le fa gontse jalo ba ne ba lela ka dikgwetlho di le mmalwa tse di akaretsang letlhoko la mmaraka, selo se ba reng se dira gore dikgwebo tsa bone di seka tsa dira jaaka ba solofetse.
Mongwe wa bagwebi Mme Thandie Major wa dingwaga tse di masome a mabedi le borobabongwe, yo ene a inaakantseng le kgwebo ya go roka diaparo mo Masunga, o tlhalositse fa kgwebo ya gagwe e tsweletse sentle le fa gone go na le dikgwetlho tse a kopanang le tsone.
Mme Major a re o simolotse kgwebo ya gagwe ka 2012 morago ga go thusiwa ka madi ke ba lephata la banana ka fa tlase ga lenaneo la banana.
E re le ntswa a boletse fa a kopana le dikgwetlho mo kgwebong ya gagwe, fela o kgothaditse Batswana ba ba sa direng sepe go dira maiteko a go inaakanya le mananeo a puso go bula dikgwebo tse ba ka itshetsang ka tsone le go tlhamela ba bangwe mebereko, a tlhalosa fa mo nakong eno a na le babereki ba le babedi.
O tsweletse a bolela fa kgwebo e tlhokana le motho yo o nang le maikemisetso e bile a le pelotelele, a tlhalosa fa go na le nako e kgwebo e tsholetsegang le nako e e welang tlase.
A re ya gagwe kgwebo e wela tlase mo pakeng ya ngwaga o simologa, mme e dira sentle ka malatsi a boitapoloso.
Mogwebi yo o dirang ditlatlana, mekgabisa le dibaga kwa motseng wa Mosojane Mme Kushatha Mazoko wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro, le ene fela jaaka ba bangwe o tlhalositse fa letsatsi la go tshwana le leo le mo tswela mosola ka jaana a nna a bona bareki ba basha.
Mme Mazoko a re e ne ya re ngogola ba tswa mo bokopanong jwa go tshwana le joo, a bonwa ke bangwe ba dikolo mme ba mo kopa go tla go rutuntsha bana.
A tlhalosa fa a setse a kile a rutuntsha bana ba sekolo sa Pandangala Junior Secondary kwa Tutume, mme a le mo thulaganyong ya go ya go rutuntsha ba sekole se segolwane sa Francistown Senior Secondary.
A re kgwebo ya gagwe e itebagantse le dilo tsa ngwao ka a ne a leka go tshegetsa serodumo sa ngwao ka jaana tautona wa ntlha wa lefatshe leno Sir Seretse Khama a kile a tlhagisa batho gore tshaba e e senang ngwao ke mo ka e latlhegileng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 24 Feb 2014






