Breaking News

LEA e abelana le bagwebi

24 Feb 2014

Ba lekalana la Local Enterprise Authority (LEA) mo Masunga mo kgaolong ya Bokone Botlhaba ba ne ba tshwere letsatsi la pitso ya bagwebi le ipapatso bosheng.

Moeteledipele wa lekalana la LEA mo Masunga Mme Segakolodi Ntebele o ne a re moono wa letsatsi leo ke go kopanya bagwebi le ba-na-le- seabe ba ba akaretsang bareki, ka go dira jalo go thusa gore bareki ba tle go rotloetsa bagwebi.

O tsweletse a re  e le ba lekalana la LEA, ba rotloetsa bagwebi  go dira mealo ya dikgwebo tsa bone le go fa  bogakolodi ka fa ba ka di tsamaisang  ka teng.

Bagwebi ba ne ba  ntsha matshwenyo a ba kopanang le one mo dikgwebong tsa bone, mme fa ba tsibogela dilelo tsa bone, ba lekalana la LEA ba ne ba solofetsa go dira gotlhe mo ba ka go kgonang go leka go sekaseka matshwenyego  a bone mme e re morago ba rulaganye gape bokopano le bone go tla go araba selelo sa bone.

Fa a tswa la gagwe, Mme Mmadube Letsholathebe,mogokgo wa sekolo se segolwane sa Masunga Senior Secondary,  o kgothaditse bagwebi  gore kgwebo e na le dikgwetlho  mme o ba rotloetsa gore ba itsetsepele go sa kgathalesege dikgwetlho tse ba kopanang le tsone mo dikgwebong tsa bone.

Mme Letsholathebe o  tsweletse a re ba tshwanetse ba nna le ditoro ka dikgwebo tsa bone le gone gape ba ithute le go dirisa madi a ba a bonang mo dikgwebong tsa bone ka fa tshwanelong. 

A re go dira jalo go ka ba thusa go itepatepanya le dikgwetlho tse ba ka kopanang le tsone fa ba ntse ba tsweletse le dikgwebo tsa bone.

O tsweletse a re ba tshwanetse ba itshola sentle fa dikgwebo tsa bone di dira sentle, a tlatsa ka gore madi ga a tshwanela go ba fetola ka fa ba tshelang ka teng, a re ba seka ba simolola ba nwa majalwa le go dira ditiro tse dingwe tse di sa itsagaleng.

Mme Letsholathebe a re gantsi batho ba  bolawa ke go inyatsa fa ba dira sengwe, a re ba tshwanetse go amogela se ba leng sone ba seka ba itebela kwa tlase gore ga ba bereke.

O ba  kgothaditse go nna le bareki ba e leng ba bone mme e bile ba ba tlotle ka ba itse fa e le bone ba ba thusang gore dikgwebo tsa bone di gatele pele.

Rre Patrick Maphorisa, yo e leng mogwebi wa mhama wa bojanala,  o kopile ba ba rekang mo go bone go ba duela fa ba rekile, o boile a ikuela mo bodirelapusong go ba fa thuso fa ba e  kopa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keneilwe Mogopodi

Location : MASUNGA

Event : Pitso ya bagwebi

Date : 24 Feb 2014