Breaking News

Ba Tshwaane ba kopa motlakase

24 Feb 2014

Batho ba Tshwaane mo Kweneng ba kopile puso go tsibogela kgokelo ya motlakase kwa motsaneng wa bone gore le bone ba kgone go  inaakanya le ditiro tse di ka ba tokafaletsang botshelo.

E rile ba bua mo phuthegong e buisiwa ke Tautona Lt. Gen Seretse Khama Ian Khama bosheng, banni  gammogo  le Kgosi Othusitse Sengawane ba re motlakase o botlhokwa thata mo go  tlhabololeng  matshelo a bone, mme ba tlatsa ka gore  go lobaka ba ntse ba supa botlhokwa jwa kgokelo ya motlakase mo  motsaneng oo mme go se nko e tswang lemina e bile go sena tekodiso ka se se ka tswang se baka tiego eo.

Le fa gontse jalo Rre Sengawane o lebogetse thulaganyo ya puso ya go tlhabolola metse ya magae, jaaka fa a ne a supa gore Tshwaane ke mongwe wa metse  e e tsweletseng ka go amogela ditlamelo tse maikaelelo magolo a tsone e leng go tokafaletsa banni seemo sa botshelo.

Dingwe tsa dikgang tsa banni ke  bothata jwa go tlhatlaganya ditsha, mo go  kgoreletsang maiteko a go tlhabolola ditsha ka bonako.

Mo loetong lwa gagwe, Tautona o tsweletse ka thulaganyo ya gangwe le gape ya go aba jaaka  a ne a abela Kgosi  Sengawane setilo le ditilo tse dingwe di le masome mabedi tse di tlaa dirisiwang mo kgotleng le dibaebele di le nne tse a laetseng gore di ye go abelwa ba  ba tlaa dirang thulaganyo ya go agela batho mo tseleng ya bo Modimo. 

E rile a tsibogela kgang ya motlakase, tona wa dipalamo le ditlhaeletsano  Rre Nonofo Molefhi a supa fa thulaganyo e tsweletse go leka go tsibogela bothata jwa motlakase kwa Tshwaane le metse e mengwe ya sebopego seo.

A re lenaneo la kgokelo ya motlakase le ntse le kgoreleditswe ke bothata jwa tlhaelo ya madi ka puso e ne e itebagantse thata le go wediwa ga go agwa ga pitsa ya motlakase kwa Morupule B, ka tsholofelo ya go lwantshwa seemo sa tlhaelo ya motlakase mo lefatsheng leno.

O tsweletse a re  metse e ka tshwara  lekgolo e  tla gokelwa motlakase pele ga thulaganyo ya lenaneo la ditogamaano la ditlhabololo la bo lesome  le wela.

Tona Dr. John Seakgosing o ne a ikuela mo badirela pusong go tshwaraganela ditlamelo go fokotsa matshwenyego a tlhaelo mo metseng ya bone. 

O ne gape a tlhalosetsa  banni ba Tshwaane  fa lephata la gagwe le na le thulaganyo ya nama o sa tshwere ya motlakase wa letsatsi le tiriso ya gase go dira gore dikokelwana di  tsweledise go ntsha  ditirelo ntle le sekgoreletsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 24 Feb 2014