Bangwato ba lebogela pula
24 Feb 2014
E ne ya yare ka Tshipi, Tlhakole a tlhola masome mabedi le boraro morafe wa Bangwato wa bo o phuthaganetse kwa kgotleng kgolo ya Bangwato, kwa Serowe, le dikereke ka go farologana go lebogela pula.
E rile a bua kwa moletlong oo, motshwarelela bogosi jwa ga Mmangwato, Kgosi Sediegeng Kgamane, a leboga morafe wa gagwe go bo o ne wa utlwa mokgosi wa gore ba tshwanetse ba lebogela pula le mabutswapele a ditso tsa bone.
Kgosi Kgamane o ne a tlhalosa gore o ne a kopana le makgotla a baruti ba dikereke go buisana ka go lebogela dipula tse di sa tswang go na le mabutswapele; ke ka moo letsatsi leo le neng la bewa.
O ne a tlhalosa gape fa e rile ngwaga o o fetileng ka kgwedi ya Lwetse, tautona wa lefatshe a buisa diphuthego, a kopa setshaba sa Botswana go rapelela pula mme e re e sena go na ba leboge.
O boletse fa ka dithapelo tsa Batswana pula e ne ya na mme e bile e sa ntse e tsile go na; ke ka moo ba tshwanetseng go leboga Modimo gore dithapelo tsa bone di arabesegile.
Kgosi o ne a kopa Batswana le Bangwato ka kakaretso gore ba tswelele ka go rapelela pula, gore dijwalo tse di sa ntseng di le kwa masimo di gole mme ba bone thobo e e namagadi.
Kgosi Kgamane o ne a kopa dikgosana, ka ele bone ba leng gaufi le barui, go ba kopa gore ba tlhokomele diruiwa tsa bone gore balemi ba tle ba bone thobo.
A re gantsi temo e senngwa ke diruiwa, mme a ba kopa gore ba tlhatlhele dikgomo tsa bone gore di seka tsa senyetsa ba bangwe. O ne a kgothatsa balemi gore le bone ka temo ya mono ngwaga e lebega e ka tswa sengwe, ba tlhagolele masimo a bone gore thobo e nne e ntsi.
A re dipego di supa fa temo ele ntsi mme mohero le one o le montsi, a bua jalo a ba rotloetsa gore ba tlhagolele dijwalo tsa bone.
O ne a leboga go menagane bomme ba Bangwato go bo ba sa ntse ba tshwere ngwao ya go lebogela mabutswapele, a tlatsa ka gore bogologolo mo ngwaong ya Sengwato go ne go lebogelwa mabutswapele mme ngwao e e ntse e lebalesegile.
A re mo go supa lerato le go tlotla ngwao ya bone, a supa gore go simologa ngwaga o, le dingwaga tse di tlang ba tsile go tshegetsa ngwao e gore e seka ya tlhole e lebalesega. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Leungo Rakgati
Location : SEROWE
Event : Letsatsi la go lebogela pula
Date : 24 Feb 2014






