Breaking News

Mapolotiki a rotloetsa batlhopi go ikwadisa

24 Feb 2014

E re jaaka ngwaga wa ditlhopo o setse o gorogile, mapolotiki ka go farologano a simolotse go baakanyetsa motlha wa bofelo jaaka fa batlhopi batlaabo ba diragatsa tshwetso ya bone ka go tlhopha moemedi yo o tla diragatsang dikeletso tsa bone.

E rile ka mafelo a beke (Tlhakole a le masome mabedi le bongwe) ba lekoko la diphathi tsa kganetso tse di kopaneng la Umbrella for Democratic Change ba tshwara phuthego ya sepolotiki e mo go yone ba neng ba rotloetsa batlhopi go ya go ikwadisetsa ditlhopo mo ikwadisong ditlhopo e e tsweletseng.

Ntlhopeng wa lekoko la diphathi tse di ikopantseng ebile ele wa Botswana National Front, mo kgaolong ya Ghanzi Bokone, Rre Noah Salakae, o ne a rotloetsa batlhopi go ya ka dipalo tse dintsi go ikwadisa ditlhopo.

O kopile batlhopi go tsaya ditlhopo ka tlhwaafalo, a re se se ka dira gore ba itlhophele moemedi wa popota, o bone ba bonang a ka emela dikeletso tsa bone sentle. O rotloeditse banana go ikwadisa ka dipalo tse dintsi, a re ke bone ba ba palo ntsi mo lefatsheng la Botswana; a re ba ka dira phetogo e e ka tokafatsang matshelo a bone.

Mo go tse dingwe, Rre Salakae a re nako e tsile ya gore molao motheo wa lefatshe le o baakanngwe gore bana kwa dikolong ba rutwe ka teme ya batsadi ba bone.

A re thuto e e botlhokwa ke fa ngwana a simolola go rutwa ka teme ya ga mmaagwe mme ere fa a tsweletse a bo a ka simolodisiwa diteme tse dingwe.

O tlhalositse gore dingwe tsa diteme tsa Botswana di kile tsa bo di rutiwa mo dikolong, mme a re di ne tsa nyeletswa ke molao motheo. Ka jalo, a re ke nako ya gore molao motheo o baakanngwe gore diteme tsa Botswana di rutiwe kwa dikolong.

Rre Salakae, yo o boleletseng batsena phuthego gore ga se setlabosheng mo dipolotiking, a re o ntse a ile go anywa dikitso kwa toropong mme jaanong o tla a ipaakanyeditse go tla go emela batho ba kgaolo ya gagwe.

O tlhalositse gore o na le dingwaga di le lesome le bosupa a le mo dipolotiking, a simolotse polotiki a le kwa mmadikolo ka nako ya e le moithuti.

Ikwadisetso ditlhopo ya poeletso e simolotse kgwedi eno ele masome mabedi le motso mme e tla wela Mopitlo a tlhola gararo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Ketshepile More

Location : GHANZI

Event : Phuthego ya sepolotiki

Date : 24 Feb 2014