ISPAAD e jele P44 million
24 Feb 2014
Mookamedi wa lephata la temo, Rre Galeitsiwe Ramokapane a re lephata la gagwe le dirisitse madi a fetang didikadike di le masome a mane le bone tsa dipula (P44 million) go lemela Batswana ka lenaneo la ISPAAD mo ngwageng wa 2013/14.
Rre Ramokapane o boletse mo potsolotsong fa go lemilwe ditema dile 97 327.8, tsa batho bale 27 126, ba bangwe ba bone ba lemileng ka ditselana fa bangwe ba gasitse.
A re le fa mo dikgaolong dingwe dipula di nele morago ga nako ya temo, gone bontsi jwa Batswana ba kgonne go baya ditema, mo e bileng ba solofela fa balemi bale mmalwa, bogolo jang mo dikgaolong tsa Mahalapye, Shoshong, Machaneng, Bobirwa, Boteti,Serowe le mafelo mangwe a kgaolo ya Bokone Botlhaba ba tla dika ba orile molelo wa mariga.
E rile mogolwane wa lekalana la kanamiso dikitsiso mo lephateng la temo-thuo, Mme Boikhutso Rabasha, a itebagantse le dingongorego tsa beng ba diterekere, tsa go tlhoka go duelwa ka nako ntswa ba lemetse batho ka lenaneo la ISPAAD, a tlhalosa fa seemo seo se bakilwe ke go fela ga madi a neng a abetswe lenaneo leo.
Mme Rabasha o tlhalositse fa mathata mangwe a kgoreleditseng go duela beng ba diterekere ka nako e e tshwanetseng ele go atlhama ga dikgaolo tsa lefatshe leno, le go tlhoka go dira sentle ga dibalamakgolo ntateng ya go kgaoga ga inthanete, mo a reng go kgoreletsa badiri ba lephata la gagwe ba ba lebaganeng le go dira dituelo tsa beng ba diterekere go dira tiro ya bone ka botswerere.
O tlhomamiseditse ba lekalana la dikgang mo potsolotsong fa maikaelelo a lephata la temo-thuo ele go duela botlhe ba dituelo tsa bone di saletseng kwa morago mo nakong e e sa fediseng pelo, mme a kopa ba ba iseng ba bone dituelo tsa bone go wela dibete ka jaana ba tla baakanyetswa madi a bone mo nakong e e khutshwane.
Mo puisanong le babegadikgang, beng ba diterekere go tsweng mo dikgaolong tsa Shoshong, Mahalapye le Machaneng ba ngongoregetse lephata la temo ka go tlhoka go ba duela ka nako ntswa ba lemetse batho e bile balemisi ba setse ba metile ditema tse di lemilweng ka ISPAAD, jaaka ene ele thulaganyo ya mmuso. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Mojaboswa Jabeng
Location : MAHALAPYE
Event : Potsolotso
Date : 24 Feb 2014






