Modulasetilo o lela ka maphata
24 Feb 2014
Modulasetilo wa lekgotla la batshwara ditlhapi kwa Sehithwa mo kgaolong ya Ngami, Rre Loago Mokunki, a re o tshwenngwa ke maphata mangwe a a gogang dinao go diragatsa molao.
O buile jalo kwa bokopanong jwa bana-le seabe, jo bo neng bo biditswe ke ba komiti ya twantsho borukutlhi bosheng. Kgang e ne e le go amogana maele ka borukutlhi jo bo diragalang kwa nokeng ya Lake Ngami.
A re e setse e le ngwaga wa bone maphata a ntse a opela pina ya go tsibosa batshwara ditlhapi ka matshwenyego a a diragalang mme a supa fa seo se sa ba jese diwelang ka jaana go sena pharologano.
A re sebe sa phiri ke gore bagolwane ba maphata ba bua puo fela mme ba sa diragatse molao mme a supa fa seo ele matsapa fela ka se sa rarabolole bothata. Rre Mokunki o kopile maphata go tsenya marapo dinameng le gone go gagamatsa setoropo.
A re fa molao o ka diragadiwa, dilo di ka apara tshiamo mme le tiro ya go tshwara ditlhapi e gole. A re dikgang tsa go leswefatsa tikologo di tswa kgakala mme seemo ga se fetoge ka ba ba maleba le bone ba lebile fela, a tlatsa ka gore mo dikampeng tse dingwe tsa ditlhapi go tletse batswakwa ba ba senang diteseletso mme ga ba bone ope a tseelwa kgato.
Bangwe ba batsena phuthego ba ne ba gatelela mafoko a gagwe ba re se se diragalang kwa nokeng se ngomola pelo. Ba re bangwe ba dira botsotsi ka ba sa duele babereki ba bone fa bangwe ba tseelana bodiredi le gone go utswela ba bangwe ditlhapi.
Rre Lwamong Pulamore ene o ne a kopa bahiri go emisa go duela babereki ba bone ka ditlhapi ka jaana di sa dire pharologanyo mo matshelong a bone.
O ne a supa matshwenyego ka batho bangwe ba ba tsweletseng ka go tshwara ditlhapi le ntswa letsomo la ditlhapi le tswaletswe. A re go le gantsi ba fitlhela mekoro le matloa a mantsi mo nokeng.
Mogolwane go tswa kwa ofising ya pereko, Mme Lorato Letsholo, o ne a tlhalosa fa ba lemogile gore diteseletso ka bontsi di neelwa benggae mme fa ba tsena mo bathong go kanoka seemo ka dinako tsa bone, ba di fitlhetse mo batshabing.
A re go lebega batshabi le batswakwa ba gweba ka diteseletso tsa Batswana, a supa fa seo se le kgatlhanong le molao.
Mme Letsholo a re maiteko a bone a go laola seemo a itaya sefololetse ka jaana fa ba tshwara batho ba go nna jalo ba latola fa ba itse beng ba diteseletso mme seo se ba paledise go ka ba tsaya ka motlhala.
A re o ipotsa gore ke eng bengage ba thapa batswakwa le ntswa go tshwara ditlhapi go sa batle botsipa bope jo bo kalo, mme a wela ka gore ba dira jalo ka ba sa batle go ba duela madi a a lekaneng. O supile fa diteseletso dingwe di tshegeditswe ke mapodise a tlatsa ka gore batshabi bangwe ba ne ba bosediwa magaeng a bone.
Mogolwane wa ofisi ya dipasa le mesepele, Mme Lindiwe Ngwenya, ene o ne a kopa tirisanyo mmogo e e tsepameng fa gare ga batshwari ba ditlhapi le maphata a a maleba, gore ba kgone go fenya dikgwetlho tse di teng. A re bone fa ba tshwara motshabi kana motswakwa ba atlhola le ene mohiri tota.
Modualsetilo wa komiti ya twantsho borukutlhi, Kgosi Kungairi Nguvauva, o tlhalositse fa maikaelelo a bokopano e le go abelana maele a a ka thusang go lwantsha borukutlhi le gone go batla methale e ka yone ba ka somarelang Lake Ngami ka yone ka jaana e sologela banni molemo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : SEHITWA
Event : Bokopano
Date : 24 Feb 2014






