Ba tsaya dikgomo ka boferefere
24 Feb 2014
Go bolelwa fa setlhopha sa batho bangwe kwa Tlokweng se tseela barui ba dikgaolo tsa Kgalagadi, Legare le Kweneng dikgomo ba re ba ya go di rekisetsa dibutshara, mme fa di sena go rekwa ba tsene ka lenga la seloko.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodise a Tlokweng, Superintendent Lebalang Maniki bosheng. Rre Maniki o boletse gore fa e sale ngwaga o o fetileng, barui ba tsena kwa ofising ya gagwe ba batla go batlisiwa manweenwee ao, a tlhalosa fa bontsi jwa bone ba ise ba ba tshware.
O tlhalositse fa madi a dikgomo tse ba setseng ba di begetswe a feta P100 000. O boletse fa ba tshegeditse borre bangwe ba dingwaga tse di fa gare ba le babedi, ba sena go tseela barui dikgomo kwa Molepolole.
Superintendent Maniki o kopile barui gore ba seka ba kolotisa batho dikgomo tsa bone ba sa ba itse, ka jaana go tla a nna bokete gore ba ba bone fa ba setse ba batla go duelwa.
E ntse e le gone kwa Tlokweng, mapodise a koo ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone mme mongwe wa mogwebi wa dingwaga tse di masome a matlhano le bone a tseetsweng ke banna ba batswakwa madi a a fetang P50 000 ba re a beeletse mo khamphaning ya bone, ba mo solofetsa morokotso o o rokotsang mathe mo nakong e khutshwane.
Superintendent Maniki a re mo godimo ga moo, magotswana ao a ne a adima khompiutara ya ga mme yoo, mme ba nwa phefo.
O ntshitse kgakololo ya gore Batswana ba tlogele go neela batho madi ba sa ba itse go le motlhofo jalo, ka jaana molao o sa letlelele gore batho ba tsadise madi e se ka fa molaong.
A re gantsi fa manweenwee ba batla go tsietsa mongwe, batho bangwe ba tlaabo ba tla fa go bone ba itira ba ba kileng ba ba thusa, mme nnete e le gore ba a bo ba le mmogo mo boferefereng joo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Tekodiso
Date : 24 Feb 2014






