Baithuti ba abelwa ditlankana
23 Feb 2014
Baithuti ba le lesome le bosupa, ba ba neng ba tseneletse dithuto tsa go apaya borotho ka lenaneo la nyeletso lehuma, ba solofetswe go dira ka natla go fetola matshelo a bone le go nna sekao mo go ba bangwe.
Mafoko a, a builwe ke mmaboipelego kwa Ramotswa mme Masego Motsewakgosi, jaaka a ne a buisa baithuti bao kwa moletlong wa go abelwa ditlankana tsa go wetsa dithuto tsa bone.Mme Motsewakgosi o kopile dialogane tseo, go thusanya le ba bangwe le go ruta ba bangwe go supa gore ba godile, le go tswelela ba dirisana le ba ofisi ya boipelego.
Erile a ntsha la gagwe, mongwe wa barutwana bao mme Kgalalelo Makopo ,a bolela fa ba ne ba tsibogela mananeo a nyeletso lehuma, fa bangwe ba a nyatsa fa ba utlwa a buiwa mo seromamoweng.
O supile fa sengwe se a se ithutileng thata mo dithutong tseo, e le go nna phepa fa a berekelang teng, go bipa moriri fa a apeile, go kgaola dinala le gone go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa.Mme Makopo o supile gape gore, ba lemogile gore fa dikgwebo tsa Batswana dipala ba simolola go di bitsa tsa bommaboipelego, a supa fa e tla a re ba bona dikgwebo tsa bone di sa tsamaye sentle, ba ye go kopa dikgakololo mo go ba boipelego.
O supile fa ba ikaeletse go ya go dira ka natla, gore ba tle ba fetole matshelo a bone.Mongwe wa barutwana mme Nametso Ranthoakgale, a re ba itumeletse go rutwa kgwebo ka mokwalo le gone gore ba seka ba kolotisa.
Mme Ranthoakgale a re ba setse ba ipona ba itlhotlhorile lehuma, ka ba tla a leka ka bojotlhe go dira botswerere jo ba bo rutilweng.Erile a ba leboga, mothusa modulasetilo wa khansele ya Borwa Botlhaba rre Douglas Kereng, a bolela fa go ka itumedisa gore dithuto tse ba di rutilweng di se fetoge lefela.
Rre Kereng o boletse fa go na le thulaganyo ya go fa bana borotho mo dikolong, mme go se thona gore le bone ba ka ipona e le bone ba ba apeelang bana bao borotho.O ba kopile go ithuta mo go ba ba rutilweng nabo, ka jaana ba sa tshware ka o tshwana, a re go dira jalo go ka tiisa maikaelelo a bone.
Rre Kereng o boletse gape fa ba tla a ne ba ba etela ba sa ba rerisa, go bona ka fa dikgwebo tsa bone di tsamayang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Moletlo wa go abela baithuti ditlankana
Date : 23 Feb 2014






