Breaking News

Balemi ba rotloediwa go lema dijalo tse di lebaneng

23 Feb 2014

Balemi ba kgaolo ya Kgalagadi Borwa ba rotloeditswe go lema dijwalo tse di siametseng kgaolo ya bone.Thotloetso e, e dirilwe ke moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo Rre Manguba mo puisanong le ba lekalana la dikgang la BOPA bosheng.

Rre Munguba  o ne  a tswelela ka go tlhalosa fa mo ngwageng  ono balemi  ba le 280 ba ne ba tsibogela go lema fa go tshwantshwanngwa le ba le 305 ngwaga oo fetileng.Moanamisa mafoko mo lephateng la temo thuo are le ntswa balemi ba dirile maiteko a go lema ba swabisitswe fela ke gore balemi ka bontsi ba lemile diekere tsa mmidi di le dintsi,

A supa fa  ba  sa rotloetse gore o ka lengwa  ka o sa dire sentle mo kgaolong ya bone. O kaile fa mmidi o tlhoka metsi a mantsi ka o tshabelelwa ke mogote selo se a reng se tshabelela kgaolo eo a bo a re gantsi pula e na e le boutsana le gore e na morago ga nako.

Rre Peter Manguba o kaile fa dinawa le sika loo magapu di dira sentle mme are ba tswa kgakala ba rotloetsa balemi gore baka di lema.Are mo nakong ya gompieno dijwalo di tlhogile, go a akgathlisa e bile go na le tsholofelo e kgolo.

Are mo nakong ya gompieno ba setse ba lekantse diekere di le 298.19  tsa mmidi, dinawa 259.97 fa magapu le marotse e le 67.67 go simologa kwa Struizendam go fitlha kwa Kokotsha.O ne a supa fa bontsi jwa  balemi ba dirisa diterekere fa bangwe ba dirisa ditonki.

Lefa go ntse  jalo Moanamisa  mafoko a temo thuo o akgoletse balemi ba kgalagadi borwa  go bo  ba tseela temo kwa godimo ka masimo a bone a kgatlhisa ka  ba dira maiteko a go a tlhagola otlhe  le ntswa bangwe mo go bone e le bagodi.O kaile fa bontsi jwa balemi  maikaelelo a bone  e le lemela go jela mo ganong fa ba le palo potlana fela ba lemela go rekisa  bogolo jang dikole tse di potlana ka puso le yone e  rotloetsa gore  bana ba je dijo tsa setso le gore go ba  tsholetsa balemi.

Rre Manguba o ne a gakolola balemi gore fa dijwalo tsa bone di ka  sha di ise di gole ba  di robe gore ba dire furu ee tla ba thusang  mo loruong la bone.Kwa bofelong o ne a gwetlha setshaba ka kakaretso go ema ka dinao ba inaakanya  le temo thuo ka e ka  thusa thata  mo go ntsheng dijo mo lefatsheng leno,  le gone  go tlhamela ba bangwe  ditiro ka puso e ka seke e kgone e le nosi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 23 Feb 2014