Ikwadisetso ditlhopho e tsweletse
23 Feb 2014
Lekgotla le le tsamaisang ditlhopho la IEC le simolodisitse ikwadisetso ditlhopho ya tlaleletso ka Labotlhano, Tlhakole a tlhola malatsi a le masome mabedi le bongwe go fitlhelela Mopitlo a tlhola malatsi a le mabedi.
Ikwadiso tlaleletso e tla jaana morago ga kgwedi tse tharo tse go neng go ikwadisetswa ditlhopho tse di ngokileng batho ba le 478 148, palo e eleng kwa tlase thata ga e ba lekgotla ba neng ba e ipeetse ya 1.2 million.Mogolwane mo lekgotleng le Rre Osupile Maroba o boletse mo potsolotsong gore sengwe le sengwe se malala a laotswe ka jalo ikwadiso ya tlaleletso e tla simolola mo mafelong otlhe a ikwadiso mo lefatsheng leno lotlhe.
A re kgaolo ya botlhophi ya Sefhare /Ramokgonami, e e saleng e eteletse pele ka dipalo tse di kwa godimo tsa batho ba ba ikwaditseng go simolola ka Phalane a tlhola gane , jaanong e wetse kwa maemong a boraro ka palo ya batho ba le 11 770 ba ba ikwadisitseng, morago ga Lerala/Maunatlala ka batho ba le 12 727 le Ngami ka palo ya 12 428.
Rre Maroba a re dikgaolo tsa botlhophi di le lesome le boraro di kwadisitse batho ba feta 10 000 fa tse dingwe di kwadisitse magareng ga 5000 go ya go 9000, mme kgaolo ya Gaborone Borwa e di goga kwa mogatleng ka palo ya batho ba le 4 522, e selwa morago ke Mogoditshane ka 5 745 le Francistown Botlhaba ka 4 915.
A re dipalo tsa mafelo a ikwadiso a a kwa ntle ga lefatshe leno di solofetswe beke morago ga ikwadiso tlaleletso.Rre Maroba o rotloeditse botlhe ba ba sa ikwadisang go ikwadisa mo ikwadisetsong tlaleletso ka gonne motho o ka tlhopha fela fa a ikwadisitse. A re ka 2014 palo ya batho ba ba nang le tshwanelo ya go tlhopha e ka nna 1.4million. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : GABORONE
Event : Ikwadisetso ditlhopho
Date : 23 Feb 2014






