Breaking News

Ba le barataro ba tshwerwe ka letshoroma

23 Feb 2014

Le fa lephata la botsogo le tsweletse ka go lwantsha le go ruta setshaba ka bolwetse jwa letshoroma mo kgaolong potlana ya Boteti mono ngwaga batho ba le barataro ba setse ba alafilwe ba sena go fitlhelwa ka dikai tsa bolwetse jo.

Mooki go tswa kwa kokelong ya Motopi, Rre Gontlafetse Nyame a re ba le bane ba tshwerwe ka dikai tsa bolwetse jo kwa kokelwaneng ya motse wa Mmadikola fa ba le babedi bone e le ba Khumaga.

O buile jalo bosheng jaaka ba lephata la botsogo ba ne ba kokoanetse kwa motseng wa Khumaga go seka seka mananeo a twantsho bolwetse jwa letshoroma le gone go tsweledisa letsholo la go ruta le go rotloetsa setshaba go tshwaragana le ba botsogo go lwantsha bolwetse jo.

Rre Nyame are bolwetse jwa letshoroma kgotsa malaria bo anamisiwang le montsana/monang ka go loma batho bo gakadiwa thata mo kgaolwaneng ya Boteti Bokone ke metsi a noka a nang a le teng ka nako tsotlhe.Rre Nyame o tlhalositse gore baoki ba kokelwana ya Khumaga botlhe ba rutetswe go kanoka bolwetse jwa letshoroma, a tlatsa ka gore fa mongwe aka tshwara ka dikai tsa bolwetsi jo ba netefatsa gore ba tlhatlhoba batho botlhe mo lelwapeng leo.

Mooki one a tlhalosa fa masire a fiwang batho kwa dikokelwaneng go itshireletsa go longwa le montsana a nale molemo o o bolayang monang, a bolela gore molemo o tshasitsweng mo lesireng a, o nna dingwaga tse tharo, ka jalo a farologana thata le a rekisiwang mo mabentleleng.

O tladitse ka go tlhalosa ka lenaneo la lephata la botsogo la go nyeletsa gotlhelele bolwetse jwa Malaria le le itebagantseng segolo bogolo le batho ba ba nnang mo merakeng, a re motho fa a tshwerwe ka bolwetsi mo morakeng ba booki ba tla tlhatlhoba botlhe mo morakeng o o mo letsatsing la bobedi, ba ipoeletse gape ka letsatsi la bo lesome le bobedi mme ba dire tlhatlhoba ya boraro ka letsatsi la bo masome a mabedi le borobabobedi go itsa kanamo ya mogare wa bolwetse jo.

A tsweletse a tlhalosa gore maikaelelo a lephata la botsogo ke go nyeletsa bolwetsi jwa letshoroma ka ngwaga wa 2015.Mongwe wa dibui ka letsatsi leo, Kgosi Baletanye Kenewendo wa motse wa Motopi o rotloeditse banni ba motse wa Khumaga le metse e mabapi go tsiboga le go etela ba botsogo ka bofefo fa ba bona ba na le dikai tse di tsamaelanang le bolwetsi jwa letshoroma.

Kgosi Kenewendo o supile gore mogare wa bolwetse o amana le motho ka nako ya fa montsana o monamagadi o loma le go monyela madi go tswa mo mmeleng wa motho. A re yone nako e montsana o monyelang madi a motho o felela o tlogela mogare o dirang gore motho a tsenwe ke bolwetse jwa letshoroma.

O tsweletse a tlatsa ka gore bolwetsi jwa letshoroma bo kotsi fela thata ka gore fa bo sa lemogiwa ka bofefo kgotsa motho a sa fiwang kalafi e lebanyeng bo felela bo bakile loso.O supile fa kgaolo ya Boteti e ikemiseditse go nyeletsa bolwetsi jwa letshoroma a tlatsa ka gore keletso ke go bona bolwetsi jo bo seyo gotlhelele mo kgaolong potlana ya rona ya Boteti, mme are seo se ka fitlhelelwa ka go nna le bodiredi jo bo rutetsweng tiro ebile bo itlamile go dira ka natla ga mmogo le seabe sa setshaba.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Moreomaoto/Khumaga, Rre Thomas Kgethenyane o ne a kgothatsa banni ba motse wa Khumaga go anamisa molaetsa ka ba anyilwe kitso ka bolwetsi jwa letshoroma.Rre Kgethenyane a kaya ka fa a tshwenngwang ke dikgang tsa batho bangwe ba ba kgatlhanong le gore bodiredi jwa lephata la botsogo ba gase/tipe matlo a bone ka molemo o bolayang montsana a supa fa seemo seo se busetsa maiteko a go lwantsha bolwetse kwa morago.

A re ke makgetho a le mantsi bodiredi boa ba retelelwa ke go tipa mo malwapeng mangwe, batho ba gana go bula matlo.O ne a garela puo ya gagwe ka gore setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata ka jalo o dumela fa morafe wa motse wa Khumaga o filwe thuto e tla thusang gore ba tshwaraganela tiro ya go hedisa bolwetsi jwa letshoroma le ba lephata la botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Motlatsi Matsididi

Location : LETLHAKANE

Event : Bokopano

Date : 23 Feb 2014