Breaking News

Kgotla ke lefelo le le botlhokwa

23 Feb 2014

Mothusa tona wa dikgaolo le tlhabololo magae Rre Olebile Gaborone are kgotla ke lefelo le le botlhokwa fela thata.

O buile mafoko a kwa Shoshong mo kgotlaneng ya Malomeletsa kwa a neng a ile go bula leobo la kgotlana eo semmuso ka mafelo a beke lele agilweng ka madi aa kanang ka dikete tsedi masome a matlhano a dipula.Rre Gaborone o tlhalositse fa kgotla ele lefelo lele botlhokwa fela thata mo botshelong jwa Motswana ka jaana ele gone kwa go tshwarelwang merero ya ditlhabololo teng, go amogela baeng, go nyadisa le gone go letlanya setshaba tota.

O tsweletse ka go tlhalosa gore kgotla e mosola ka jaana e thusa Batswana go somarela ngwao ya bone le go rotloetsa thokgamo le thitibalo.O akgoletse morafe wa kgotla ya Malomeletsa go bo ba supile mowa wa boipelego le tshwaragano ka go bereka mmogo mme ba ikagela kgotla.

A re seo se botlhokwa ka jaana puso eka seke ya kgona go dira sengwe le sengwe ele nosi ka ebile lefatshe le ntse le wetswe ke kwelo tlase ya itsholelo.Mothusa-tona o ne a amogela mpho ya setilo sa dikgole morago ga gore a abele kgotlana eo ditilo dile mokawana tse a tlhalositseng fa di tlaa dirisiwa mo kgotleng eo.

Faa afa mafoko a tebogo Mopalamente wa Kgaolo Rre Phillip Makgalemele o tlhalositse fa kgotla eo e tlaa seke e nne ya ditsheko hela mme tsholohelo ele gore e tlaa thusa go atolosa dithulaganyo tsa ditlhabololo.O gateletse mafoko aga Rre Gaborone gore morafe wa kgotlana ya Malomeletsa ba supile mowa wa boipelego o lefatshe leno le itsegeng ka one, a tlatsa ka gore tiro eba e dirileng e tlaa thusa go atolosaditirelo.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : SHOSHONG

Event : Pulo ya leobo la kgotla

Date : 23 Feb 2014