Breaking News

Khama o direla bana

23 Feb 2014

Tautona wa lefatshe leno, Lt Gen Seretse Khama Ian Khama e rile ka Labotlhano, Tlhakole a tlhola masome a mabedi le bongwe a bo a eteletse badiri ba lephata la gwagwe pele go direla bana ba legae la SOS Children’s Village kwa Tlokweng.

Se, ene ele bontlha bongwe jwa maitlamo a Tautona a a thaileng a gore badirelapuso ba seegele fa thoko letsatsi le lengwe mo kgweding mme ba direle sechaba.Tautona Khama yo o neng a jwala tshingwana ya merogo le go lema ditlhare, o ne a patilwe ke mothusi wa gagwe Dr Ponatshego Kedikilwe, matona a puso mangwe, ba bogosi jwa Batlokwa le badirela puso ba ofisi ya gagwe. 

Fa a bua kwa tshimolodisong tiro ya letsatsi leo,  Tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirelapuso, Rre Mokgweetsi Masisi o ne a tlhalosa fa letsatsi le, le tsepamisa maikaelelo a tautona a a theileng.

“Maikaelelo a letsatsi le a tsepame ebile ga a mantsi, ke gore jaaka Tautona Khama a simolotse a rotloetsa gore go abelanwe, go dirisangwe,  go direlanwe, o tsile go supa seo ka sebele e le ene a re eteletseng pele re le ba ofisisi ya gagwe,” ga bua Rre Masisi.

Erile go tlaleletsa moono wa letsati leo, Tautona Khama yo e leng morotloetsi mogolo wa Sponsor A Child Trust, a abela ba SOS madi a a kanang ka P50.000.Makgotla a mangwe a neng a abelwa madi ao gape ke a Masiela Trust, Kamogelo Orphans and Vulnerable Children, Childline, Stepping Stone le Bana ba metsi.

Modulasetilo wa Sponsor a Child Trust Mme Dorcus Makgato-Malesu o ne a tlhalosa fa bone go tshwanela go tshwaragana le ba Ofisi ya ga Tautona ka letsatsi le, mme ba abele makgotla madi, a tlatsa ka gore lekgotla le le thailwe ke Tautona.A re ele ba Sponsor A Child Trust, ba kgobokanya madi go thusa bana  ba ba tlhokileng lesego.

Fa a tswa la gagwe, mookamedi wa SOS Rre Motshwari Kitso  o ne a supa fa ba itumeletse ba Ofisi ya ga Tautona, a re ke lekgetho la labobedi ba tla go ba direla.Rre Kitso a re ba tlhokometse bana ba le 257 kwa mafelong a Tlokweng, Serowe le Francistown.

A re fa esale legae le la bana le bulwa ka 1987, ba setse ba alositse bana ba feta makgolo a mane.A re bontsi jwa bana bao, ba kgonne go aga sentle mo sechabeng , mme gape o ne a ka ya fa ele bonye fela jwa bana bao jo bo sa direng sentle morago ga go alosiwa.

Rre Kitso a re tshingwana ya merogo e ba thusa thata mo go fokotseng ditshenyegelo tsa madi a ba a dirisnag, ka e fepa bana.O ne gape a tlhalosa fa ntse ba bona dithuso gotswa kwa mafatsheng a sele, mme ba setse ba tlhagisitswe gore etlare mo nakong e seng kgakala thuso tse ba di bonang tsa madi di emisiwe.

Rre Kitso a re sese se ba tsenya tsebetsebe fa ba lebile gore ba tlhoka madi a a ka tshwarang P18 million ka ngwaga, mme a kopa sechaba go ba tswa mokgosi.A re ga ba tlhoke madi fela, mme ba tlhoka le yone kitso e e tswang mo sechabeng, a tlatsa ka gore puso e tswa kgakala e ba eme nokeng ka dithuso tse di farologanyeng, selo se ba se lebogelang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Bonang Masolotate

Location : TLOKWENG

Event : Letsatsi la badirela puso la go thusa setshaba

Date : 23 Feb 2014