Mmakaseterata o tsholotse kgang
20 Feb 2014
Mmakaseterata yo mogolwane wa Molepolole, Rre Bhekimpilo Sibanda e rile bosheng a tsholola kgang e e neng e tsisitswe ke kereke ya United Pentecostal Church of Botswana (UPC), kgatlhanong le kereke ya New Pentecostal Church of Botswana (NPC) mo kgotla tshekelong ya Molepolole.
Rre Sibanda o tlhalositse fa dipampiri tsa boikanelo di sa tladiwa sentle ke matlhakore oo mabedi mme e bile kgang e e lwelwang e sa tia go ka sekiwa.
O tladitse ka gore mokwalo o o mo dipampiring tseo, o supa maina a dikereke fela, gore e e ngongoregang ke efe le e e sekisiwang, mme go sa tlhalosiwa maina ka botlalo le maemo a baemedi ba dikereke tseo.
“Mo pampiring ya boikanelo, mongongoregi o tshwanetse gore a itlhalose gore ke mang, o na le dithata dife mo kerekeng le bosupi jwa gore o romilwe ke bomang go emela kereke. Mabaka e le gore a moemedi o ka araba dipotso tsotlhe tsa lekgotla ka botlalo,” Mmaseterata Mogolo Sibanda a tlhalosa.
O tsweletse a gakolola dikereke ka bobedi gore fa nngwe ya tsone e ka eletsa gore molato o kwadisiwe gape, ba tshwanetse go tlatsa dipampiri tseo ka fa tshwanelong.
Mo potsolotsong, moruti wa UPC kwa Mmankgodi, Rre Frankel Pule o boletse fa kereke ya gagwe e simolodisitswe ka ngwaga wa 1973 e le seopo sengwe go fitlha ka ngwaga wa 2011 fa e nna makgamu a le mararo ebong la NPC le a UPC a le mabedi.
Moruti Pule o tlhalositse fa molato o simolotse fa maloko mangwe a kereke a ne a ngongorega ka tsamaiso le ka fa ba buisiwang ka teng mo go sa siamang ke boeteledipele jwa UPC mme ba felela ba itlhaotse.
“Go itlhaoleng ga bone, ba nna le lekoko le sele le le eteletsweng pele ke motho mosweu, yo ene a welang ka fa letlhakoreng la UPC le eseng la rona.”
Batswakwa ba, e rile fa ba goroga mo Botswana ba ikaya fa e le ma UPC mme ntle le tumalano ba tsaya lease ya kereke ya rona kwa lekgotleng la kabo-ditsha, jalo re a seka gape kwa kabo-ditsha mabapi le lease eo,” Moruti Pule a bolela.
Moruti Pule o tsweletse a re, ka ba obama mmogo ba ne ba kopa gore NPC morago ga go ikwadisa ka leina le le ntsha, e ba sutele mo dikagong tse di kwa Thamaga tse eleng tsone tsa khudu-thamaga ya bone.
O supile fa NPC e ne ya ganelela mo dikagong tseo mme ba isa kgang kwa lephateng la tsa selegae le kwa go mothusa molaodi wa khansele potlana ya Lentsweletau, yo o neng a leka go ba letlanya mme a retelelwa ka a ne a re ene ga a sekise.
Ka jalo, a ntsha tshwetso ya gore kgang e isiwe kwa ga mmakaseterata.“Fa ba NPC ba sa re sutele mo dikagong tsa rona, re tlaa kwadisa kgang e gape ka rona re ipatla re le nosi.
Ba a re kgoreletsa ka re tlhakana le bone fa re le mo bokopanong kwa Thamaga,” Moruti Pule a bolela. Mo letlhakoreng le lengwe moruti wa kereke ya NPC kwa Moshupa, Rre Pelokgale Modisenyane o ganeditse se mme a supa fa ba adimilwe dikago ka fa molaong ke beng ba kereke eo ba ba tlholegang kwa Pretoria kwa Aferika Borwa mme e bile maloko otlhe mo kagong eo e le a NPC.
O buile jalo a supa dipampiri tse a neng a tlhalosa fa e le tsa bosupi tse di tswang kwa Pretoria, eleng molao motheo wa UPC, setlankana sa kereke eo le lekwalo la tumalano ya go adimiwa dikago tseo. Moruti Modisenyane o tsweletse a re, e rile fa ba tlaa itlhamela kereke ya bone ke fa ba sa tsamaisane le molao motheo wa UPC o o neng o kgala seaparo sa kereke e bile o letlelela diletso.
“Rotlhe le bo rre Pule re ne ra itlhaola mo UPC. Boeteledipele jwa UPC bo ne jwa re kopa go boela mo kerekeng kgotsa go ikwadisa ka leina le le ntsha. Re ne ra tlhopha go tswa mo leineng la UPC mme ba re adima dikago tseo ka ba sa di dirise. Ke gakgametse go bona re sekisiwa ke ba re sa ba itseng gompieno,” Moruti Modisenyane a tlhalosa.
A re lekoko la ga Moruti Pule le tshotse leina la UPC fela ka e rile bone ba tsaya tshwetso bo Rre Pule ba seka ba dumela go fetola leina. “Ga ba na dithata dipe mo kerekeng eo e bile ga ba obamele kereke ya UPC ya mmatota,” Moruti Modisenyane a bolela.
O tsweletse a re, lekwalo la tumalano le supa fa ba adimilwe lefelo leo go fitlhelela ba bona setsha se e leng sa bone, mme e le gore ba tlaa tlhagisiwa dikgwedi di le thataro go tswa mo dikagong tsa UPC fa e le gore beng ba a di tlhoka. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kenanao Mmopi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Tsheko
Date : 20 Feb 2014






