Mosala o boela mo tirong
20 Feb 2014
Banni ba Mmathethe ba sa tswa go amogela ka mogolokwane le bongwe fela ja pelo go busediwa mo setilong ga kgosana ya kgotla ya Goo-Rratebogo kwa motseng oo, Rre Reuben Mosala.
Rre Mosala o ne a seegetswe fa thoko mo tirong dingwaga tse nne ke puso ka molato wa go belaesega mo bogodung jwa leruo.
E rile a ba rolela kgosana mo kgotleng e tona ya Mmathethe ka Laboraro, Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe a bolela fa Kgosana Mosala a ne a seegilwe ke puso ka molato oo , mme o ne a seka a bonwa molato, ka jalo o busediwa gape mo tirong.
Kgosi Mathiba o boletse fa ba buetse le Kgosana Mosala ka fa bothokong gore a simolole tiro mme a itshware sentle fa pele ga morafe a bo a bereke ka botswapelo ka e le motho yo o mashetla mo tirong. Fa ba mo amogela, ba boletse fa ba ntse ba mo tlhologeletswe thata, ba tlatsa ka gore Kgosi Mathiba o ntse a tshwere ka a mabedi a tlhoka bathusi.
Ba supile fa kgotla ya gagwe e setse e kgagoga, bolobeto ba iphile naga mo boseong ja gagwe. Matlhogoputswa ka go latelana ba supile boitumelo thata mme ba gakolola kgosana go tla go tsholetsa dikausu, ba bolela fa a tshwanetse go bereka le badirelapuso le kgosi go tlhabolola motse wa Mmathethe. Ba mo kopile gore a nyale mosadi yo o tlaa mo gakololang mo bogautshwaneng.
Ba boletse gape fa batsadi ba tshwanetse go mo tlotla ba bo ba gatelela ka gore mo baebeleng go kwadilwe gore, “tlotlang kgosi mme le boife modimo’’.Ba rotloeditse kgosi gore o tshwanetse a leme a bo a rue eseng go kopa mo morafeng wa gagwe. bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : MMATHETHE
Event : Phuthego Ya Kgotla
Date : 20 Feb 2014






