Dinoka dingwe di ka tswa di na le dikwena
20 Feb 2014
Banni ba metse ya Bobonong le mafelo a mangwe a kgaolo ya Bobirwa ba tlhagisiwa go nna podi matseba mo madibeng a dinoka tsa Shashe, Motloutse le Thune ka a mangwe a ka tswa a na le dikwena.
Tlhagiso e e dirilwe ke mogolwane wa lephata la diphologolo kwa Bobonong, Rre Malatsi Mamani yo o supileng mo potsolotsong gore go bonwe kwena mo ledibeng la noka fa Motloutse e kopanang teng le ya Philip kgwedi eno e le lesome le boferabobedi.
Rre Mamani a re kwena eo e bonwe ke banna ba le bararo ba ba neng ba tshwara ditlhapi mo lekadibeng leo mme ba begela ba sesole sa Botswana.
Rre Manami a re borre bao ba ne ba dirisa letlowa mme ba tshwara kwena eo ba tsaya gore ke tlhapi mme ba le botsa phokoje, go begela ba sesole ba ba bapileng le lefelo leo.
A re ba lephata la diphologolo ba ne ba tsamaela kwa lefelong la tiragalo ba fitlhela motlhala wa yone o dule mo bodibeng joo. Rre Mamani a re go ikgotsofatsa ba ne ba kgopha metsi ao mme ba fitlhela e seo, mme motlhala wa yone o tsamaile le noka.
A re motlhala wa yone o supa fa e ka nna boleele jwa dimmithara tse pedi le sephatlo go ya kwa go tse tharo ka jalo e lekane go ka nna borai mo bathong le diruiwa mme a kgothatsa barui go tlhokomela leruo la bone.
A re borre bao ba ne ba kgalemelelwa go tshwara ditlhapi ba sena tetla ebile letsomo la tsone le santse le tswetswe.
A re pele ga foo, ba begetswe tiragalo e nngwe ya kwena kwa Mmadinare mme ga ba ise ba kgone le yone go e tshwara mme a kopa setshaba go ikgapha mo madibeng a dinoka tse.
Rre Mamani a re go lebega fa dikwena tse di phatlaletseng le dinoka tse e le tse di tswang kwa motseng wa Motlhabaneng di tshabile merwalela ya bosheng mme di fapaane le bokete jwa metsi.
A re setshaba se tswanetse go ikgapha go tshwara ditlhapi, go tlhapa kgotsa go kolobetsa mo dinokeng ka go ka nna borai.
Mo potsolotsong, mongwe wa batshwari ba ditlhapi, Rre Mompoloki Ngwako yo o boneng kwena eo a re e tona. Rre Ngwako a re tiragalo eo e diragetse ka nako ya bobedi ka Labobedi mme ba begela ba sesole.
O supile fa motlhala wa yone o dule mme o tsene mo nokeng ka jalo e ya go nna diphatsa mo leruong le batho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goratileone Kgwadu
Location : BOBONONG
Event : Potsolotso
Date : 20 Feb 2014






