Breaking News

Ba bogosi ba tla a gapa leruo

20 Feb 2014

Kgosi Daniel Mathiba wa Mmathethe o tlhaoloseditse barui ba ba ruetseng mo motseng gore o simolola go gapa leruo la bone mme ba tla a le rekolola ka madi kwa kgotleng.

Kgosi Mathiba o buile jalo mo phuthegong ya kgotla kwa motseng oo bosheng morago ga gore banni bangwe ba ipobole mo go ene gore  dikgomo, dihutshane le ditonki di ba jesetsa mo kgobedung di senya mo malwapeng mo go setlhogo.

O boletse fa  a sa bolo go kopa barui go ntsha leruo la bone fa gare ga motse mme ba le ise kwa merakeng le masimo go le itsa go senyetsa batho.

A re jaanong go lebega a itaya lentswe ka le lengwe. A re o tsile go phutha leruo leo a le tlhatlhela mo lesakeng la kgotla mme beng ba lone ba bidiwe go tla go le rekolola ka madi. Kgosi Mathiba a re fa di sena beng kgotsa di ba palela o tlaa di isa kwa matimeleng a khansele gore di rekisiwe ka palabalo.

Bangwe ba barui ba ne ba dumalana le ene ba bolela fa mafoko a kgosi a tshwanetse go agelwa mosako. Ba buile ka dipelo tse di hubitseng ba bolela fa leruo le robaka ditlhare tsa bone tsa meriti le tsa mekgabisa. Ba boletse fa ditonki di tlogela bopere mo malwapeng di bo di roba diheke.

Le fa gontse jalo barui bangwe ba ne ba ikepetse mo goreng dikgomo ke tsa batswakwa ga se tsa morafe wa Mmathethe, ba bolela fa batho ba tswa kgakala ba dira meraka mo motseng wa bone.  Ba kopile gore go tsamaiwe le meraka go tseiwe maina a bone gore ba tswa kae. Bokhutlo
 

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : MMATHETHE

Event : Phuthego Ya Kgotla

Date : 20 Feb 2014