Breaking News

Bana-le-bogole ba na le ditshwanelo

20 Feb 2014

Bana-le-bogole ba na le ditshwanelo tsa setho jaaka mongwe le mongwe.

Mafoko ao a builwe ke mothusa kgosi kwa Khudumelapye, Kgosi Othusitse Mosimane,  kwa thuto-seka-dipuisanyo  e  e neng e itebagantse le bana-le-bogole le mogare wa HIV bosheng.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Mosimane  o ne a supa  fa  a  sa itumelele dipalo tse di oketsegang tsa bana ba ba tsholwang ba na le mogare wa HIV le mororo mananeo a puso jaaka PMTCT a le teng.

O supile gape fa go sa itumedise  gore  dipalo tsa mogare le malwetse a dikobo di bo di golela kwa godimo ntswa go fiwa dithuto tsatsi le letsatsi. Kgosi Mosimane o ne gape a gakolola batsena thuto-seka-dipuisano eo go tlhwaafalela dithuto tse ba di fiwang, ka go reetsa le go diragatsa tse ba di bolelelwang.

Mongwe wa dibui, Mme Semakaleng Ooke, yo e leng molomaganyi wa ditirelo tsa AIDS mo kgaolong potlana ya Letlhakeng o supile fa a tshwenngwa ke boimana jo bo golang tsatsi le letsatsi jwa banana ba ba kwa tlase ga dingwaga tse di lesome le borobabobedi. O kaile fa banana bao ba tsenya matshelo a bone mo diphatseng ka ba sale bannye.

Mme  Ooke o ne a tswelela ka go supa fa a sa itumelela bomme ba ba itsholofetseng, ba ba sa iponatseng kwa go ba bongaka ba bo  ba felele  ba tsholela  kwa malwapeng. O ne a kopa bomme go kgothatsa borre go itlhatlhobela malatsi a tlhakanelo dikobo.

Mme Ooke o ne a tswelela ka go lemotsha batsena thuto-seka-dipuisano eo gore go itlhatlhobela mogare go botlhokwa, ka o ka itse seemo sa gago le gore o ka fetola boitsholo jwa gago jang go iphemela.

O supile fa ba ofisi ya gagwe ba ikemiseditse go leka ka bojotlhe go bona gore bana-le-bogole ba nna le seabe mo dithutong tsa botsogo.

Thuto-seka-dipuisano eo e ne e itebagantse le go ruta bana-le-bogole le batlhokomedi ba bone ka mananeo a puso a a leng teng, a a itebagantseng le mogare wa HIV. Ene gape e itebagantse le go ruta batsena dithuto tseo bomosola jwa go itlhatlhoba le go tsaya diritibatsi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Thuto-seka-dipuisanyo

Date : 20 Feb 2014