Mokhanselara wa Kolonkwaneng o a ikuela
20 Feb 2014
Mokhanselara wa Kolonkwaneng kwa Kgalagadi Borwa, Rre John Lentshikang, o kopile komiti ya tsa madi mo khanseleng ya Kgalagadi gore fa e kgaoganya madi a khansele e seka ya kgaolela lephata la boipelego madi, ka le lebanwe ke dikgwetlho tse di tlhokang madi a mantsi.
Rre Lentshikang o buile se kwa bokopanong jwa dipuisano tsa kabo ya madi a khansele ya Kgalagadi kwa Tsabong bosheng, morago ga gore ba begelwe fa madi a khansele e neng e a kopile a fokoditswe, ka jalo komiti ya tsa madi e tlamega go kgaola madi mo maphateng a farologanyeng go aba madi ka tekatekano.
O ne a tswelela a bolela fa madi a abelwang lephata la boipelego a fela mo sebakeng se se khutswane, ka ba tlhokomela batlhoki, dikhutsana le balwetsi ba ba okelwang mo malwapeng.
Rre Lentshikang o ne a tlhalosa gore ntle le batho ba, lephata la boipelego le begelwa ka diemo tsa potlako, tse di amang batho ba ba seng mo dibukeng tsa bone tsa dithuso, ka jalo ba tshwanelwa ke go thusa, mme se se reye gore ba dirisa madi a mantsi.
Go ya ka modulasetilo wa komiti ya madi kwa khanseleng ya Kgalagadi, Rre Sam Brooks, yo gape e leng mokhanselara wa Tsabong Borwa, a re selekano sa madi se khansele ya Kgalagadi e neng e se kopile mo lephateng la dikgaolo e ne e le P167 061 670.00, mme ba ne ba kgona go abelwa madi a a kana ka P162, 076,880.00 mo kabong ya madi a ngwaga wa 2014/2015.
Le fa madi a khansele ya Kgalagadi e neng e a kopile a ne a fokodiwa, Rre Brooks a re ba ne ba okelediwa ka madi a kana ka P11, 510,280.00, go nna P173, 587,160.00. Madi a letlole la khansele a kana ka P4, 957,540.00 mme fa go tlhakanngwa madi otlhe a tshware selekano sa P178, 544,700.00.
Rre Brooks a re bontsi jwa madi a, ba abetse tlhokomelo ya babereki, a eleng P86, 505,660.00, go bo go latela madi a ditsamaiso tsa khansele a kana ka P42 383 440, fa tsa ditlhabololo di filwe P12 964 160, mme P36 691 440 o ne a abelwa tse di kgethegileng.
Mo kakgelong ya gagwe, mokhanselara wa Bokspits/Struizendam, Rre Fredrick Titus, o akgotse kabo ya madi.
Ere le go ntse jalo, Rre Titus o ngongoregile ka go fokodiwa ga madi a a neng a kopilwe, a re fa khansele e ka bo e filwe madi a e a kopileng, go ne go ka okediwa madi a tlhokomelo ya babereki. Titus o tsweletse ka go tshwenyega ka tlhokomelo ya babereki, a re madi a ba a duelwang a kwa tlase fela thata mme ditlhwatlhwa di tlhatloga kgapetsakgapetsa; se se dirang gore ba felele ba itsentse mo dikolotong tse di ntsi mme se se ba busetse kwa morago le go tshwenyega mo moweng .O tsweletse ka go tlhalosa fa babereki ba ka se kgone go ntsha maduo a a itumedisang ba hutsafetse gape ba bolawa ke tlala.
Fa a ntsha la gagwe mokhanselara wa Kang Bophirima, Rre Kemmonye Makatane, o gakolotse dikomiti tse di farologaneng tsa khansele go ikitaya ka thupana go leka go tsenya madi mo letloleng ka dilo tse di tshwanang le matimela le dikatso tse di tswang kwa go hiriseng matlo. Makatane o ne a botsa ka madi a dibuka tsa bana ba sekolo a a sa fetogang.
A re selekano sa madi se se abetsweng dibuka se eme fela mo P3, 467,650.00, a tlatsa ka gore se se nale seabe mo kwelong tlase ya maduo a dikole tsa Kgalagadi, ka bana ba tlhoka dibuka tse di ka ba thusang go fenya ditlhatlhobo.
Fa a araba potso ya ga mokhanselara Makatane, mothusa mokwaledi wa khansele ya Kgalagadi wa tsa madi, Mme Kefentswe Ngwamotsoko, o fetotse ka gore go dumalanwe gore ngwana mongwe le mongwe a fiwe P450.00 wa dibuka, ka jalo go raya gore palo ya bana mo kgaolong ya Kgalagadi ke yone e e emeng golo go le gongwe, fela ka jalo ke sone se kabo ya madi a dibuka e sa fetogeng.
Modulasetilo wa Khansele, Rre Frans Van der Westhuizen, o ne a ntsha kitsiso ya letsatsi la ditlamelo la khansele ya Kgalagadi fa e tla nna ka 13 Mopitlo 2014, mme ebile a gakolola makhanselara go tshwaragana le bodiredi jwa khansele mo dipaakanyong tsa letsatsi le gore le atlege. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Johannah Martin
Location : TSABONG
Event : Phuthego ya khansele
Date : 20 Feb 2014






