Lekgotla le emisa go thubela batho
20 Feb 2014
Lekgotla la kabo ditsha la GaMalete le emisitse go thubela bomaipaafela ba masimo a Matlapekwe le Lenkwaneng mekgoro, ba sa ntse ba dira tshekatsheko e e tseneletseng le ba bogosi.
Mafoko a, a boletswe ke mokwaledi kwa lekgotleng la kabo ditsha kwa ga Malete, Rre Phillip Makhura, kwa phuthegong ya khansele bosheng.
Rre Makhura o boletse fa ba ne ba tsere tshwetso ya go thubela batho bao ka e le bomaipaafela, mme ka kopo ya bogosi ba ne ba emisa go thujwa moo, go sekaseka batho ba ba ka tswang ba beilwe bogologolo mme ba sena ditlankana.
O boletse fa ka tshwanelo, motho a ka se bewe mokgoro a sena tshimo, mme ka jalo ba lemogile fa batho bangwe ba na le mekgoro go dikologa masimo a batsadi ba bone.
E rile ba mo kgwa kgaba, makhanselara a kgaolo ya Borwa Botlhaba ba supa fa batho bangwe ba sale ba beilwe mekgoro bogologolo ke magosi, ka mabaka a gore ba dise melelwane; ke ka moo bana ba bone ba nnang mo go yone. Ba kopile ba lekgotla la kabo ditsha go rerisana le morafe ka kakaretso, go itsa go phatlola batho dipelo.
Mokhanselara Mosinki Mpuang, wa Otse Borwa, o tlhalositse fa go thubela batho e se go rarabolola mathata, a bo a kopa ba kabo ditsha go tlogela go dirisa dinonofo tsa bone, mme ba dirisane mmogo le morafe gammogo le bogosi jwa motse.
Rre Mpuang o boletse gape fa bontsi jwa batho ba Matlapekwe le Lenkwaneng e le bagolo, ka jalo go supa sentle gore ba sale jaaka ba nna koo pele ga go nna le lekgotla la kabo ditsha.
Erile a ntsha la gagwe, mokwaledi wa lekgotla la kabo ditsha kwa gaMalete, Mme Lesego Oteng, a supa fa ba tlhaloganya gore go na le kgonagalo ya gore bagolo bangwe ba bo ba na le mekgoro le masimo a a sa kwadisiwang, mme se se ba tshwenyang ke gore bana ba ba bone ba aga mekgoro go dikologa masimo a batsadi ba bone ba sa e bewa, bogolo thata kwa masimong a Metsimaswaane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya khansele
Date : 20 Feb 2014






