Badiri ga ba tsenye moko mo nameng
20 Feb 2014
Mookamedi wa lephata la khiro ya badirelapuso, Rre Cater Morupisi a re dipatlisiso di supa fa badirelapuso ba sa dire go lekanye go ntsha maduo le go isa ditlamelo kwa setshabeng.
O tlhalositse se fa a buisa badirelapuso ba kgaolo ya Borwa Botlhaba kwa Ramotswa ka Labobedi, Tlhakole a tlhola malatsi a lesome le borobabobedi.
Rre Morupisi o tlhalositse fa dingwe tsa dipatlisiso tse, di dirilwe mo gae ke ba Botswana National Productivity Centre fa tse dingwe di dirilwe ke lekgotla la mafatshefatshe la World Economic Forum, le le kalang le go sekaseka ka fa mafatshe a phadisanyang ka teng.
A re go simologa ka dingwaga tsa bo 2008, lefatshe leno le kgonne go tokafatsa maduo a lone go tswa kwa go masome a supa le borobabongwe (79) mo mafatsheng a le lekgolo le masome a mane le bone(144), go ya kwa maemong a bo masome a supa le bone(74)
A re ditshekatsheko tse di supa fa gona le dikgoreletsi mo go iseng ditlamelo kwa bathong. O kaile gape fa dintlha tse di supilweng ke makgotla ka bobedi di tsamaelana mme di akaretsa go tlhoka go tsiboga go fa ditlamelo, go ntsha dikitsiso tse di sa felelang le madiadia a go fa ditirelo.
Le fa gontse jalo , Rre Morupisi o kgothaditse badirelapuso go fa setshaba dikitsiso tse di lolameng, go nna pelotelele fa ba bereka le setshaba ga mmogo le go nna boikanyego ka ke bone matlho a setshaba.
Rre Morupisi a re babereki ba tshwanetse go nna le maitshwaro a mantle ,a bo a kaya fa ba ikemiseditse go rutuntsha bangwe ba badirela puso mabapi le se.
O tladitse ka gore go botlhokwa thata gore badirelapuso ba supe manontlhotlho fa ba thusa setshaba. Mo go tse dingwe, Rre Morupisi o tlhalositse fa go se ope yo o ka ganelang gore dituelo tsa badirelapuso di kwa tlase, fa go lebilwe koketsego ya ditlhwatlhwa.
Mme a re ga se gore puso e gana go oketsa dituelo go itepatepanya le koketsego ya ditlhwatlhwa, sebe sa phiri ke gore itsholelo e santse e ise e tote.
O kaile fa ba le mo dipuisanong le ba makgotla a babereki ka koketso ya dituelo, mme a tlatsa ka gore puso le ba makgotla a babereki ba dumalana ka dintlha di le mokawana, le fa ba farologana fa go buiwa ka dituelo tsa badiri.
Rre Morupisi o tlhalositse fa puso e le mo tseleng ya go baakanya molao wa bodirelapuso, gore o tsamaelane le melao e mengwe ya lefatshe leno. Ka jalo,o ba rotloeditse go ntsha maikutlo a bone fa ba bonang go ka baakanngwa ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Katlego Gaobotse
Location : RAMOTSWA
Event : Phuthego ya badirela puso
Date : 20 Feb 2014






