Breaking News

Batsadi ba Qangwa ga ba itse mosola wa thuto

19 Feb 2014

Go tlhoka go itse bomosola jwa thuto ga batsadi ba Qangwa go kailwe ele sekgoreletsi se se dirang gore bana ba seka ba dira sentle mo thutong ya bone.

Se se builwe ke mothusa mogokgo wa sekolo se se botlana sa Qangwa, Rre Bokhutlo Nthobatsang fa a ne a lekodisa mopalamente wa kgaolo ya Ngami, Rre Taolo Habano ka seemo sa sekolo sa gagwe ka Labobedi, Tlhakole a tlhola lesome le borobabobedi.

Rre Nthobatsang a re bontsi jwa batsadi ba motse oo ga ba itse bomosola jwa thuto ke sone se ba sa rotloetseng bana ba bone go tlhwaafalela thuto.

A re mme boemong jwa seo, ba ba rotloetsa go dira ditiro tsa mo gae jaaka go ya go bapala maungo a naga, go thusa kwa merakeng, go lema le tse dingwe ka nako ya sekolo.

“Se se kgobang marapo le go feta ke gore o tla a fitlhela motsadi a bapile le ngwana wa gagwe mo lwapeng ngwana a sa lwale, fa o botsa gore ke eng ngwana a sa ya sekolong, o araba a sosologile gore ngwana o a gana, ebile a sa tshwenyege ka thuto ya ngwana go supa fa a sena kitso ka mosola wa thuto,” o boletse jalo.

Mothusa mogokgo a re seo se itshupa sentle gore batsadi ba bana ba letso la Sesarwa ga ba itse bomosola jwa thuto, a bo a gwetlha ba na le seabe ba ba amegang mo kgaolong go rulaganyetsa batsadi bao dithuto seka dipuisano go leka go ba ruta ka botlhokwa jwa thuto.

Go rirufatsa seo, batsadi ba motsana wa Qhooshe ba ngongoregile mo go mopalamente wa bone gore barutabana ba Qangwa ba gana go golola bana ba bone go ya go kentisa dikgomo ka nako ya sekolo.

Kwa Qangwa, motsadi mongwe o boletse fa batsadi ba sa bone mosola wa thuto ka gore bana ba bone ba ba feditseng sekolo ba bapile le bone mo malwapeng ga ba bereke, ka jalo ba bona mosola wa dikgomo ka ba itshetsa ka tsone.

A re ka ntata ya go tlhoka tshwaragano magareng ga barutabana le batsadi ba bana ba Basarwa, go felela go ama maduo a ditlhatlhobo tsa bana bao mme kwa bofelong go supiwe barutabana ka monwana gotwe ga ba rute.

“Ebile re setse se itse gore fa o bona motsadi wa ngwana wa letso la Sesarwa a tla sekolong o abo a tlela go tla gore omanya fela re sa itse gore bothata ke eng  ka gore ga ba nke ba tla go lekola tiro ya bana kwa sekolong,”o gateletse jalo.

O boletse gore ka ntata ya seo, maduo a bana a tswelela ka go wela tlase, mme a fa sekai gore maduo a ngwaga tse nne tse di fetileng a ne a ntse jaana, ngwaga wa 2010  bane ba wetse tlase ka go bona  masome a mabedi le borataro mo lekgolong, 2011 ba oketsa ka bongwe go nna masome a mabedi le bosupa.

A re ka 2012 ba ne ba wela tlase gape go ya kwa go lesome le borobabongwe mo lekgolong fa ngwaga e e fetileng ba kgonne go oketsa ka go ya kwa go masome a matlhano le boraro mo lekgolong.

Rre Nthobatsang a re o belaela fa ba kgonne seo morago ga go simolodisa dithuto tsa morago ga nako ya tiro go balelwa le malatsi a mafelo a beke.

Mothusa mogokgo yo o boletseng fa monongwaga ba ipeetse seelo sa masome a robang bobedi mo lekgolong, lefa go ntse jalo a re o tshwenngwa ke bana ba Qangwa ba ba tsenang kwa motsaneng wa Nxau-nxau ka go tlhoka go tsena sekolo sentle.

A re, e re ka bana bao ba kgaogantswe le batsadi ba bone ba sale bannye go isiwa kwa Nxau-nxau ka go na le boroko (hostel), ba felela ba  ngwegela kwa gae ba tsamaya sekgele sa boleele jwa dikhilommethara  di ka tshwarang masome a robabobedi  ka dinao mme batsadi ba bone ba felele ba ba kopela phatlha mo sekolong sa Qangwa.

Rre Nthobatsang a re se se tshwenyang ke gore go ngwega ga bone go ka ba tsenya mo diphatseng tsa go ka tlhaselwa ke diphologolo tsa naga le go bolawa ke lenyora mo sekgweng jaaka mo tiragalong e nngwe e ngwana mongwe a kile a tlogelwa ke bo mogolwe mo sekgweng a ne a lapile.

A re gape bana bao fa ba sena go amogelwa mo sekolong sa Qangwa,  ba  busediwa gape kwa Nxau-nxau ka tumelo ya gore ba filwe boroko mme go kgoreletse dithuto tsa bone ka ba sa kgone go tlwaela barutabana ba bone ka ba tsena mo dikolong di le pedi.

Mothusa mogokgo a re selo se se dira gore barutabana ba dikolo tsoo pedi ba seka ba itse palo e e tlhomameng ya bana ba sekolo sa bone.

O kopile puso go agela bana ba motsana oo matlo a boroko go rarabolola bothata joo.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Rebecca Katjimune

Location : GUMARE

Event : Leeto la mopalamente

Date : 19 Feb 2014