Breaking News

Dipompo di tlaa tswalwa

19 Feb 2014

Mogolwane mo lephateng la koporase ya metsi ya Water Utilities, Mme Goitseone Dialwa o gakolotse banni ba Makuta mo kgaolong potlana ya Tutume gore dipompo tsa metsi tsa setshaba di tla tswalwa mo bogaufing.

Mme Dialwa o buile se mo phuthegong ya kgotla  kwa Makuta ka Labobedi. Mme Dialwa o kopile banni botlhe ba ba senang dipompo mo malwapeng go tlisa dipampitshana tsa ditlankana tsa malwapa a bone le meriti ya bo Omang gore ba tle ba fiwe dikarata  go kgona go dirisa metse.

O tlhaloseditse banni fa dikarata tseo di tla a bo di sa kwalwe maina a modirisi, ka jalo fa e ka latlhega ba tshwanetse go itsise ba lephata la metsi go e emisa.

Mme Dialwa a re dikarata tseo di tla a bo di dirisiwa fela jaaka tsa motlakase, mongwe le mongwe o itsenyetsa madi mo teng. O tlhalositse fa ba tla boa gape go tla  go ba abela dikarata, go ba supegetsa le go ba tlhalosetsa  gore di bereke jang e bo e le gone koporase e ka tswalang dipompo tsa setshaba.

Le fa go ntse jalo, Kgosi ya Makuta Kgosi Khimbini Moalosi o ngongoregile ka ditlhabololo tsa motse oo, a tlhalosa fa di le bonya, e bile ba sena le yone ofisi e ba direlang mo go yone.

O tsweletse a re yone kgang ya dikarata tsa dipompo ga e a  siama ka batho ba sa lekane e se meno. A  re fa ba koporase ya metsi ba boa gape o tla  ba botsa gore ba ba sa kgoneng  go duelela metsi  baya go dira jang ka bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thato Gori

Location : TUTUME

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 19 Feb 2014