Breaking News

Peggys Kitchen e rekisa dijo tsa setso

19 Feb 2014

Mogolwane wa pele kwa sepateleng sa Kasane, Mme Peggy Inambao, ke mong wa kompone e e rulaganyetsang diamaleng, e e sa tswang go bulwa kwa Newton, mo Kasane, ya Peggy’s Kitchen.

Kompone eo, e a e itsimololetseng ka dikatso tsa fa a tlogela tiro ka bogodi, e ikaegile thata ka thekiso ya dijo tsa setso, e bile e direla mo lapeng la gagwe, le le lone le agilweng Setswana.Mo potsolotsong, Mme Inambao o boletse fa babereki ba puso le ba khansele go tswa kwa ofising ya Rural Adminidtration Centre le kwa kokelong ya Kasane e le bone ba mo rekelang thata.

A re dijo tsa motshegare di lopa P22.00, fa e se fela tse dinang le tlhapi, tsone e leng P25.00.“Ke tlhwatlhwa e e kwa tlase e motho a ka e bonag mo Kasane”, ga bua jalo Mme Inambao. Mme Inambao a re gobo Peggy’s Kitchen e le mo lapeng la gagwe ke ka ntata ya tlhaelo ya ditsha tsa kgwebo mo Kasane.

A re o gatile monwana fela gore a fiwe setsha sa kgwebo kwa Kazungula, se a se ikwadiseditseng ngogola, ka Ngwanatsele.Mogwebi yo a re gore a simolole kgwebo e ya gagwe mo lapeng o ne a tlhokana le go isa moalo wa kgwebo ya gagwe gore a kgone go fiwa teseletso go tswa go ba lephata la botsogo jwa setshaba kwa khanseleng, ba melelo le ba dikago.

O ne a tlatsa ka gore, monate wa go direla mo lapeng ke gore ga a duelele lefelo le a direlang mo go lone jaaka diselammapa tsa gagwe.Peggy’s Kitchen e na le babereki ba le bararo, eleng, moapei, Rre Baboloki Philatwe, mothusi wa gagwe, Mme Sally Moyo le mokgweetsi, Rre Olefile Tom.

A re bareki ba gagwe ba rata thata setampa se tshotswe ka nama ya kgomo le bogobe jwa mabele ka seswaa, tsotlhe e leng dijo tsa motshegare, a tlatsa ka gore fa go le mo mosong, bareki ba rata go fitlhola ka manyonyomane le moro, tse di rekisetswang madirelo a matona a Haskins le Sefalana moso le moso.

Mme Inambao a re mogopolo wa go simolola kgwebo ya mofuta o, o tswa mo goreng ke mosadi, lerato la kapei le gone gore ga gona dikompone tsa mofuta o ka bontsi mo Kasane. A re o solofela fa kgwebo ya gagwe e tla gola e bo e dira sentle fela fa kago ya borogo jwa Kazungula e simolola. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : KASANE

Event : Potsolotso

Date : 19 Feb 2014