Breaking News

Bogodu jwa megala bo ile magoletsa

19 Feb 2014

Mapodisi  a Ramotswa a tshwentswe ke bogodu jwa megala ya motlakase jo bo ileng magoletsa mo motseng oo le mafelo a a mabapi.

Assistant Superintendent Zibisani Mathumo wa mapodise a Ramotswa o buile se mo potsolotsong bosheng, a tlhalosa fa ba setse ba begetswe ditiragalo tsa mofuta o di ka nna thataro mo ngwageng ono.

Go ya ka Rre Mathumo, bogodu jo bo remeletse thata kwa Ramotswa le Mogobane. O tlhalositse fa seemo se, se golela pele fa go tshwantshanngwa le dingwaga tse di fetileng bogolo jang thata kwa  Mogobane.

A re dipatlisiso di supa fa magodu a, a utswa megala e mme ba e rekise ka madi  a a kwa godimo. O boletse fa  ba ise ba tshware ope mabapi le bogodu jwa mofuta o, ka jalo o kopile setshaba go nna podi matseba le go itsise mapodise fa ba ka bona tiragalo ya mothale o.

Mo go tse dingwe, Rre Mathumo a re, e le mapodise ba tshwenngwa ke melato ya bogodu ka go farologana e go lebegang e golela pele, le fa go ntse jalo o kaile fa  ba leka ka bojotlhe jwa bone go ritibatsa seemo.

A re Batswana ba tshwanetse go itshwaraganya mo ntweng ya go leka go fokotsa borukutlhi ka bo na le seabe mo go iseng itsholelo ya lefatshe kwa tlase. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Katlego Gaobotse

Location : RAMOTSWA

Event : Potsolotso

Date : 19 Feb 2014