Breaking News

Mokgatlho o tswa ba-na-le bogole thuso

19 Feb 2014

Puso e tsere tshwetso ya go tswa ka mananeo a a itebagantseng le go tlhabolola matshelo a bana-le-bogole.

Mafoko a a tlhalositswe ke mothusa tona wa Ofisi ya ga Tautona le Bodirela Puso bosheng, Rre Gaotlhaetse Matlhabaphiri, fa a ne a abela  mokgatlho wa bana-le-bogole wa Kopano koloi gotswa kwa go ba University Research Centre(URC)  kwa  America.

Rre Matlhabaphri a re puso e tsweletse ka go fa Batswana sebaka sa go tokafatsa matshelo a bone gosa kgathelesege gore ba tswa mo itsholelelong e e ntseng jang,  tumelo ele gore Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go ipona e le bontlha bongwe jwa ba ba nang le seabe mo go tokafatseng itsholelelo.

O ne a kopa bana-le-bogole gore ba ikiteye ka thupana ba tsene mo mananeong a puso go itlhabolola, le go nna le seabe mo go godiseng itsholelo.

E rile a ba rolela koloi eo mo boemong jwa URC, le ba lefatshe la America, modiredi wa lekalana leo, Mme Prisca Mbaakanyi-Tembo a re  URC ke lekalana la baithaopi le le direlang mono Botswana, mme ka nako tsotlhe fa ba fetsa ba boela morago, ba abela mekgatlho le makgotla a boithaopi tse baneng ba di dirisa.

O boletse fa mpho e e tla jaana morago ga gore mopalamente wa kgaolo ya Palapye, Rre Moisaraele Goya, a ise boikuelo kwa go bone, a kopa dithuso. O ne a solofetsa gore ba tlaa tswelela ka go thusa fa go tlhokegang teng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo ya koloi

Date : 19 Feb 2014