Breaking News

Komiti e emela Kisa ka dinao

19 Feb 2014

Komiti ya ditlhabololo tsa Kisa mo kgaolong ya Kgalagadi ga e batle go nna phokoje wa morago mo maikaelelong a lefatshe leno a gore ka 2016 Batswana e bo e le setshaba se se lerato ebile se le kutlwelo botlhoko.

E rile mo  puisanong bosheng, mokwaledi wa komiti eo, Mme Ngwanakhumo Kelefile  a supa fa  ba nnile le  karolo e tona thata mo go tlhabololeng  matshelo a batho ba motse  oo.

A re komiti ya bone e abetse batlhoki ba motse  ba ba neng ba ipopile setlhopha tshingwana ya merogo  e ba neng ba e rekile mo  khanseleng  mme  khansele ya ba thusa ka di dirisiwa, ditanka tsa metsi, dipeo le menontshane go simolola kgwebo, e mogo seno sebaka ba setseng ba itshetletse ba ebile ba  e itsamaisetsa .

O tsweletse a supa fa setlhopha  se, se ne sa tshwaragana le dikomiti tse dingwe tse di amegang mo ditlhabololong tsa motse  mme tsa bereka go tokafatsa masthelo a batho.

Mme Kelifile o tlhalosa ba gwetlhilwe ke go bona batho ba motse o ba tsena ka mmetela mo lenaneong la go phaka dijo tsa batlhoki a supa fa selo se, se diga batho seriti.

Fa a ntsha la gagwe modulasetilo wa setlhopa Mme Senwelonyana Metswi a re, ka ele paka ya dipula ba lemile dijwalo tse di tsamaelang le paka  jaaka mmidi, mabele le dinawa.

O supile fa ba lebogela se komiti e ba se diretseng ka  ba sa tlhole ba ikaegile ka puso go ba jesa mme ba itirela dijo ka diatla.

A re e rile ba sena go ikgobokanya  ba isiwa  kwa Pelotshetlha  go rutuntshiwa  ka tsa temo.

Mme Metswi o  supile a tshwentswe  ke maloko mangwe a a boitseme mo tirong , a re ga a batle go bona maiteko a komiti ya ditlhabololo tsa motse wa bone a phutlhama ka jalo o gwetlha botlhe ba ba ka tswang ba bone dithuso dipe fela tsa puso  go dira ka natla.

Mme  Kelefile a re kwa  ntle ga go aba tshingwana ya merogo  ba agetsea motlhoki  ntlo mo motseng oo,  morago ga gore ntlo e a neng a nna mogo yone e jewe ke molelo e bo e lore.

A re gape ba setse ba kile ba agela bana ba dikhutsana ntlo ya Setswana mme ba dira jalo ba  tshwaragane  le ba tlhokomelo balwetse mo malwapeng.

O  tsweletse a re le fa bane ba kopa puso go agela batlhoki le bana le bogole matlo,  go fitlha ka jaana ba setse ba agile matlo a le matlhano ka thuso ya ba Ipelegeng.

Fa a tlhalosa ka fa ba bonang  madi ka teng , mokwaledi a re ba nale matlo a ba a hirisetsang babereki ba ba mo motseng gammogo le mogotlha wa dikgomo o ba duedisang  barekisi ba dikgomo fa ba o dirisa.

O  tladitse  ka gore ba a tle ba thapiwe ke dikompone ditshwana le koporase ya motlakase  (BPC) go ba tlhagolela mo mafelong a tsone.

Mme Kelefile o supile  dikgwetlho tsa bone di akaretsa  batho ba ba sa ba dueleng sentle  ba ba hirisitseng matlo a bone le  go gokela motlakase mo matlong  ka ditlhwatlhwa di le kwa  godimo fa di tshwantshanya le go o gokela mo lwapeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Oteng Gabankalafe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 19 Feb 2014