Batsadi ba ka thusa go tokafatsa maduo
10 Feb 2013
Mogokgo wa sekole se sebotlana sa Gakgatla mo kgaolong ya Kweneng, Rre Isaac Barwabatsile, o kopile batsadi go dirisana le barutabana go tshwaraganela bana mo dithutong.
O tlhalositse seo mo potsolotsong bosheng.
O tlhalositse fa sekole se tokafaditse maduo a lekwalo la bosupa go tswa mo go 54 per cent wa 2011 go ya kwa go 74 per cent mo ditlhatlhobong tsa ngogola.
O ne a tlhalosa gape fa a gorogile kwa Gakgatla ngogola mme go supagala tokafalo ntswa tota go sa ntse go tlhaela fela thata.
O ne a tswelela ka go tlhalosa fa kgwetlho e ba kopanang le yone e le letlhoko la motlobo wa dibuka.
O ne a tlhalosa fa sengwe se se dirang gore bana ba se ka ba dira sentle e le gore sekole se mo masimo, ka jalo fa sekole se tswa bana ba dira ditiro tse dingwe tsa masimo mme ba tlhoke nako ya go bala.
O kopile gore batsadi ba nne le seabe mo thutong ya bana gore maduo a tokafale.
Rre Barwabatsile o ne a tlhalosa fa ba dule ka mogopolo wa gore barutabana ba ikgaoganye ka bana, bogolo jang ba lekwalo la bosupa ba ba thuse mo dithutong tse di ba tshwarisang bothata. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Jacob Obotseng
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 10 Feb 2013






