'Se tsiediweng ke dinokwane'
18 Feb 2014
Go bolelwa fa batho ba ba batlang ditsha mo mafelong a a dikologileng toropo-kgolo Gaborone, ba tsweletse ka go utswelwa ke batho madi ba ba solofetsa go ba rekisetsa ditsha mo mafelong ao.
Mafoko a, a boletswe ke mogolwane wa mapodisi a Tlokweng Superintendent Lebalang Maniki bosheng.
Superintendent Maniki o boletse fa ba begetswe tiragalo e mo go yone, rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le borobabongwe, a neng a tseelwa ke rre mongwe P30 000, a mo tshepisa fa a mo rekisetsa setsha kwa Modipane.
O boletse fa rre yoo, a ne a felela a nyelela a sena go duelwa madi a setsha, fa moreki ene a setse a iphotlhere.
Superintendent Maniki o kopile batho go tlhotlhomisa mo go ba bogosi kana ba kabo ditsha pele ga ba reka ditsha, go na le go latlha madi fela fa ba bona ditlankana tsa setsha, tse ba sa tlhomamiseng fa e le tsa nnete.
E ntse e le gone kwa Modipane, mapodisi a Tlokweng ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo , a neng a utswelwa koloi ya modiro wa Audi mo mosong a re o ya tirong. O tlhalositse fa rre yoo, a ne a tswa mo koloing a e tlogela e duma a re o tswala heke, fa selalome seo se itatlhela mo go yone se bo se siya ka yone.
Mogolwane wa mapodisi o gakolotse batho gore ba ne ba tswa ka dilotlele tsa dikoloi le fa ba sa ye gope kgakala, go itsa tiragalo ya go tshwana le e. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : TLOKWENG
Event : Potsolotso
Date : 18 Feb 2014






