Breaking News

Tshwaragano ke phenyo

18 Feb 2014

Batsadi ba bana ba ba tsenang kwa  sekolong se se botlana sa Khudumelapye mo kgaolong ya Kweneng, ba gakolotswe go tshwaragana le barutabana go ntsha maduo a a botoka.

Mafoko a, a builwe ke mogokgo wa sekole seo,  Mme Nancy Mukuwa kwa phuthegong ya batsadi le barutabana bosheng.

Mme Mukuwa o kopile batsadi go kgothatsa bana ba bone go tsaya thuto ya bone tsia, a tlatsa ka gore batsadi le bone  ba tshwanetse go tshwenyega  fa ba bona ngwana a sa ya sekolong.

Mogokgo o kgothaditse batsadi go etela sekolo  go bona gore bana ba dira jang, a tlhalosa fa ba butse dikgoro gore fa batsadi ba ngongorega ka sepe fela, ba ba itsise ka gore  ba ka kgona fela fa ba  tshwaragane mmogo.

E rile a latlhela la gagwe mongwe wa batsena phuthego Rre Mafoko Dingaka  a ngongorega ka go tlhoka seabe ga batsadi mo thutong ya bana ba bone.

Rre Dingaka o gakolotse batsadi go  lemoga bokgoni ja bana le go ba rotloetsa go bo tsaya tsia ka go ka ba tshetsa fela jaaka  ba bodiragatsi ba itshetsa ka go  dirisa bokgoni  ja bone ja go diragatsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Senkokame Dibeko

Location : LETLHAKENG

Event : Phuthego ya batsadi le barutabana

Date : 18 Feb 2014