Breaking News

BSB e agetse bana ntlo

18 Feb 2014

Banka ya Botswana ya dipolokelo tsa madi (BSB) e abetse bana ba lelwapa la boora Moseme bale lesome le botlhano (15) ntlo ya dikamore tse pedi, ntlo ya bojelo, le ntlwana e e kwa ntle ya boiteketso, ba bo ba tsenya le terata, gammogo le tanka ya metsi (Jojo), tse tsotlhe di lopileng P123 845.00.

E rile a rola ntlo eo kwa Moreomabele bosheng, Tona wa Madi le Ditogamaano tsa Ditllhabololo, Rre Kenneth Matambo a re letsatsi le ke letsatsi le le botlhokwa thata mo go boora Moseme.

Rre Matambo a re se, ke modi wa kgang ya ga tautona, o o simolotseng go tswa ka maduo. Tona o ne a galaletsa banka ya BSB a re ga e a salela kwa morago. A re Batswana ba tswa kgakala le mowa wa kutlwelo botlhoko.

O ne a kopa dikgwebo le madirelo a a ikemetseng go tsenya letsogo mo tememg e tautona a e sigileng ,ka gore gatwe “wa o esi ga o ele”.

Tona o ne a gakolola ba ba amogetseng ntlo gore ba e tlhokomele.

Mookamedi wa BSB, Rre Leatile Maine a re banka ya bone e na le mowa wa kutlwelo botlhoko e bile e se lantlha ba thusa setshaba.BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : PALAPYE

Event : Kabo ya ntlo

Date : 18 Feb 2014