Breaking News

Ba Tshwaane ba gakololwa go ikgapha

18 Feb 2014

Banni ba moraka wa Tshwaane mo kgaolong ya Nata/Gweta ba gakolotswe go ikgapha mo go direng melato.

Se se builwe ke mogolwane wa mapodise a Sowa, Superintendent Ruth Motlhagodi mo phuthegong ya kgotla bosheng a supa fa  a tshwentswe ke maitsholo a a  makgaphila a a dirwang ke batho ba moraka oo.

Superintendent Motlhagodi a re ngwaga le ngwaga o begelwa loso , jalo maikaelelo a phuthego eo ke  go tla  go abelana maele a gore tota se se bakang dintsho tse dikanakana e ka tswa ele eng. O supile fa loso la motho e se thatlhegelo ya balelwapa fela, le puso e a bo e latlhegetswe.

Superintendent Motlhagodi o tsweletse a re gore ba kgone ba tlhokana le kemo nokeng ya banni, le gore batho ba lese go gana go ntsha bosupi.O tlhalositse dikotlhao tsa melato ka go farologana a re batho ba tshwanetse go di itse gore ba ikgaphe mo melatong. O supile fa ofisi ya gagwe e tletse ka dikgetse tsa dintwa tsa batho ba Tshwaane le tsone dipolao.

Fa a ba ema ka lefoko, Kgosi Oletsositse Mosweu wa Dukwi a re Tshwaane ga  e ise e nne motse e santse ele moraka ka jalo ga gona dikgotla mo morakeng. O supile fa lefatshe la Botswana le na le ditsamaiso le melao, a re Motswana mongwe le mongwe o tshwanetse go di itse le go di sala morago.

Kgosi Mosweu o tsweletse a re o tshwentswe ke gore gona le mongwe motho yo o ipitsang gore ke kgosi le go kganela batho go tla diphuthegong. O tlhalositse gore se a se itseng ke gore go na le balebeledi ba dithota mme ga se dikgosi. A re motse o bewa semmuso  e bo ele gone go tlhomiwang kgosi semmuso a re e bile bogosi bo bewa go lebilwe dipalo tsa batho mo motseng.

O boleletse banni ba Tshwaane gore ba wela ka fa tlase ga kgotla ya Boitekanelo kwa Dukwi.

O ne a nankolela banni ditlhatlhwa tsa dituelo tsa go dira melato, a supa fa di okeditswe. Le fa gontse jalo banni ba Tshwaane ba ne ba ikuela mo go Kgosi Mosweu fa ba sa tshele sentle mo morakeng oo,ba supa fa bangwe badisa ba amogela P150 go ya kwa go P200. Ba re go na le dipoto tse di thibeletseng mo morakeng, tse di lalang di letsa bosigo jotlhe,tse ba dumelangfa ele tsone di bakang bogodu jwa leruo le dipolaano.

Ba ngongoregile gape ka babereki ba Ipelgeng, ba re ga bana maitsholo a mantle mo tirong e bile  batla tirong ba nole bangwe ba pakile bojalwa. KgosiMosweu o arabile matshwenyego a bone ka gotlhalosa fa seemo se se sa itumediseng ka go dira dipoto  se bakwa ke bo radikgomo.  O ba solofeditse  go tshwara phuthego le bone go ba supegetsa fa dikgomo tsa kgaolo eo di lwala bolwetse jwa mabele jo bo bakwang ke leswe la dipoto.A re puso e dirile mananeo a mantsi go ntsha batho mo lehumeng mme ba Tshwaane bone ga ba tsiboge. BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Mpho Goitsemang

Location : GABORONE

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 18 Feb 2014